DIPESALEME 61 - Setswana 1970(TSW70)

Kgosi e a tshaba

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opedisiwang ka kwadi ya dithapo.

2Modimo, utlwa mekokotlelo ya me,

o ele thapelo ya me tlhoko.

3E a re fa pelo ya me e feletswe,

ke goele kwa go wena

ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe;

nkgogele kwa godimo ga lefika

le legolo la pholoso,

nna ke a palelwa.

4Gonne o diregile botshabelo

jwa me,

le turio e e thata ya phemelo

kgatlhanong le mmaba.

5Ke rata go nna ka gale

mo tenteng ya gago

le go tshabela mo phemelong

ya diphuka tsa gago. Sela.

6Gonne wena, Modimo,

o utlwile maikano a me;

ba ba boifang leina la gago

o ba neile boswa.

7A ko o oketse malatsi a kgosi

ka malatsi;

a dinyaga tsa yona di nne

go ya tshikatshikeng.

8A e nne mo sedulong sa bogosi

fa pele ga Modimo

ka bosakhutleng.

Dira gore bopelotlhomogi

le boammaaruri di e sireletse.

9Foo ke tla opelela leina la gago

ka go sa feleng,

ke dirafatsa maikano a me

ka letsatsi lengwe le lengwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help