JOHANE 1 - Setswana 1970(TSW70)

Lefoko le ne la nna nama

1E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko le ne le na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo.

2Le ne le na le Modimo mo tshimologong.

3Dilo tsotlhe di dirilwe ka lone, mme kwa ntle ga lone ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng.

4Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho.

5Lesedi le ntse le phatsima mo lefifing mme lefifi ga le a ka la le amogela.

6Go ne ga tla motho, a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e le Johane.

7Yoo o ne a tla go supa gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba tle ba dumele ka ene.

8E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi.

9Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng.

10O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le dirilwe ka ene; fela lefatshe ga le a ka la mo itse.

11O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola.

12Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe;

13ke ba ba sa tsalwang ka madi, le e seng ka thato ya nama, le e seng ka thato ya monna, mme ba tsetswe ke Modimo.

14Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.

15Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua a re: “Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me o a mpheta; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ ”

16Gonne rona rotlhe re bonye bopelotlhomogi godimo ga bopelothomogi mo botlalong jwa gagwe.

17Kana molao o neilwe ka Moše, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.

18Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.

Tshupo ya ga Johane Mokolobetsi(Math. 3:1-12; Mar. 1:1-8; Luka 3:1-18)

19Tshupo ya ga Johane ke e: E rile Bajuta ba roma baperesiti le Balefi go ene, ba tswa Jerusalema go mmotsa gore: “O mang?”

20A ipolela, a se ka a itatola, a ipolela a re: “Ga ke Keresete.”

21Ba mmotsa ba re: “Mme o eng? A o Elia?”

A re: “Ga ke ene.”

“A ke wena moporofeti yole?”

A araba a re: “Nnyaya.”

22Ke fa ba mo raya ba re: “O mang ne? Gore re tle re ba fe karabo ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?”

23A re:

“ ‘Ke nna lentswe la mongwe

yo o kuang mo sekakeng la re:

Siamisang tsela ya Morena!’ ”

jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua.

24Ba ba neng ba romilwe e ne e le ba Bafarisai.

25Jaanong ba mmotsa ba re: “O kolobeletsang, fa o se Keresete, le e seng Elia le e seng moporofeti yole?”

26Johane a ba araba a re: “Nna ke kolobetsa ka metsi; mme go eme mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo lemogeng.

27Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe.”

28Dilo tseo di dirafetse kwa Bethania kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a le teng, a kolobetsa.

Jesu ke Kwana ya Modimo

29E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!

30Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’

31Le nna ke ne ke sa mo lemoge, mme ke tlile go kolobetsa ka metsi gore ene a tle a senolelwe Iseraele.”

32Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene.

33Le nna ke ne ke sa mo lemoge; mme ene yo o nthomileng go kolobetsa ka metsi a nthaya a re: ‘Ene yo ò tla bonang Mowa o fologela go ene, o nna mo go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’

34Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.”

Barutwa ba ntlha ba ga Jesu

35Ya re ka moso Johane a bo a eme gape, a na le barutwa ba gagwe ba le babedi;

36a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!”

37Barutwa ba babedi bao ba mo utlwa a bua, ba be ba sala Jesu morago.

38Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?”

Ba mo raya ba re: “Rabbi,” (mo phetolelong ke go re: Moruti) “o nna kae?”

39A ba raya a re: “Tlaang lo bone.” Ba tla, ba bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae letsatsi leo. Nako e ne e ka nna ya bone thapama.

40Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago.

41Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete).

42A ba a mo isa go Jesu.

Jesu a mo leba a re: “O Simone, morwa Jona; o tla bidiwa Kefa,” mo phetolelong ke go re: Lefika (Petoro).

Filipo le Nathanaele

43Ya re ka moso Jesu a rata go ya kwa Galelea, a bona Filipo, a mo raya a re: “Ntshale morago!”

44Filipo e ne e le wa kwa Betsaita, motse wa ga gabo Andrea le Petoro.

45Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.”

46Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa kwa Nasaretha?”

Filipo a mo raya a re: “Tlaa o bone!”

47Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!”

48Nathanaele a mo raya a re: “O nkitse jang?”

Jesu a mo araba a re: “Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse.”

49Nathanaele a mo fetola a re: “Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele.”

50Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re: ‘Ke go bonye fa tlase ga mofeie’? O tla bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.”

51A ba a mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba be ba fologela mo go Morwa-Motho.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help