DIPESALEME 62 - Setswana 1970(TSW70)

Boikhutso mo Modimong

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ga Jeduthune.

2Mowa wa me o didimaletse

Modimo fela;

thuso ya me e tswa mo go ona.

3Ke ona fela lefika la me

le thuso ya me

le kago ya me ya phemelo;

ga nkitla ke tshikinyega thata.

4Lo tla kgwelogela motho

goleele go le kae,

lo rata go mmolaya lotlhe,

etswe a tshwana le lobota

lo lo sekameng

le lorako lo lo batlileng go wa?

5Ba akantse fela go mo diga

mo bogolong jwa gagwe;

ba natefelwa ke maaka;

ka molomo ba a tshegofatsa,

mme mo teng ga bona

gona ba hutsa. Sela.

6Didimalela Modimo fela,

mowa wa me;

gonne se ke se lebeletseng

se tswa mo go ona.

7Kana ke ona lefika la me

le thuso ya me;

ke kago ya me ya phemelo,

ga nkitla ke tshikinyega.

8Pholoso ya me e mo Modimong

le tlotlo ya me;

lefika le le thata la me

le mo Modimong,

le botshabelo jwa me.

9Ikanyeng ona ka gale, lona batho!

Tshololang dipelo tsa lona

fa pele ga ona!

Modimo ke botshabelo jwa rona.

Sela.

10Ruri, ba babotlana ke ba lefelafela,

ba bagolo ke baaki;

mo selekanyong ba a tsholetsega,

botlhe mmogo ba botlhofo bogolo

go pudulo e le nngwe fela

ya mowa.

11Lo se ka lwa ikanya patiko;

lo se ka lwa solofelela lefela

mo thopong.

Fa khumo e ata, lo se ka

lwa e kgomarela ka dipelo.

12Modimo o buile gangwe,

nna ke utlwile gabedi

gore thata ke ya Modimo.

13Le bopelotlhomogi ke jwa gago,

Morena;

gonne o duela mongwe le mongwe

ka fa tirong ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help