DIPESALEME 146 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o e leng mothusi o le osi wa boammaaruri

1Haleluya! Baka Morena,

wena mowa wa me!

2Ke tla nna ke galaletsa Morena

ke ntse ke phela;

ke tla nna ke opelela Modimo

wa me ke sa ntse ke le yo.

3Lo se ka lwa ikanya barena,

le e seng ngwana wa motho

yo go se nang thuso epe

mo go ena.

4Fa mowa wa gagwe o tswa,

o boela gape

kwa mmung wa gagwe;

maikaelelo a gagwe

a fele ka lone letsatsi leo.

5Go sego ena yo Modimo

wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe,

yo tsholofelo ya gagwe

e leng mo go Morena,

Modimo wa gagwe,

6yo o dirileng legodimo le lefatshe

le lewatle le tsotlhe

tse di mo go tsona;

yo o bolokang boammaaruri

ka bosakhutleng;

7yo o direlang bapatikwi tshiamo,

ba ba tlala a ba fe dijo.

Morena o golola bagolegwi.

8 Morena o foufolola difofu;

Morena o tsosa ba ba obegileng;

Morena o rata basiami.

9 Morena o boloka baeng,

o gomotsa dikhutsana

le batlholagadi;

mme tsela ya baikepi yona

a e kgopamise.

10 Morena ke kgosi ka bosakhutleng;

e bong Modimo wa gago,

Sione, go ya tshikatshikeng.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help