AMOSE 7 - Setswana 1970(TSW70)

Pono ya Tsie

1Morena Modimo o ne a ntshupetsa jaana: Ka mmona a bopa tsie, fa bojang jwa morago bo simolola go tlhoga; kana ke bojang jwa morago, fa kgosi e sena go segelwa.

2Jaanong ya re tsie e sena go fetsa go ja morogo wa lefatshe, ka re: “Morena Modimo, a ko o itshwarele! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”

3Ke fa Morena a rebega bogale. Morena a re: “Ga go kitla go dirafala!”

Pono ya molelo

4Morena Modimo a ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena Modimo a bitsa molelo go seka ka ona, mme molelo wa kgadisa morwalela o mogolo, wa ba wa ja tshimo.

5Mme ka re: “Morena Modimo, a ko o lese! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”

6Ke fa Morena a rebega bogale gape. Morena Modimo a re: “Ga go kitla go dirafala!”

Pono ya serophiso

7A ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena a eme mo loboteng lo lo tsepameng, a tshotse serophiso ka seatla.

8Ke fa Morena a nthaya a re: “O bona eng, Amose?”

Ka re: “Ke bona serophiso.”

Morena a ba a re: “Bona, ke tla baya serophiso mo gare ga Baiseraele, morafe wa me. Ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.

9Mme dithota tsa tlhabelo tsa Isaka di tla fetolwa sekaka; mafelo a a boitshepo a Iseraele a tla fetoga marope, mme ke tla tsogela ba ntlo ya ga Jerobeame ka tšhaka.”

Amose o kwa Bethele, o tlhoiwa ke Amasia

10Ke fa Amasia, moperesiti wa kwa Bethele a romela kwa go Jerobeame, kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go tsosetsa pheretlhego mo Baiseraeleng. Lefatshe ga le kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.

11Gonne Amose o buile jaana a re: ‘Jerobeame o tla swa ka tšhaka, mme Baiseraele ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”

12Mme Amasia a raya Amose a re: “Wena mmoni, tsamaya o tshabele kwa lefatsheng la Juta, o je dijo gona, o bolele Lefoko la Modimo gona.

13Mme o se tlhole o bolela Lefoko la Modimo mo Bethele; gonne ke felo ga boitshepo ga kgosi, e bile ke tempele ya morafe.”

14Amose a fetola a raya Amasia a re: “Ga ke moporofeti le e seng morwa moporofeti; gonne ke ne ke le modisa wa dikgomo le molemi wa mefaa.

15Ke fa Morena a ntsaya ke setse letsomane morago, mme Morena a nthaya a re: ‘Yaa o bolelele Baiseraele, morafe wa me, Lefoko la Modimo.’

16Jaanong utlwa Lefoko la Morena: Ke wena o reng: ‘Se bolelele thato ya Modimo ka ga Baiseraele, se kgalemele ba ntlo ya lsaka.’

17Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: ‘Mosadi wa gago o tla fetoga seaka mo motseng, bomorwao le bomorwadio ba tla wa ka tšhaka, tshimo ya gago e tla kgaoganngwa ka mogala, mme wena o tla swela mo nageng e e itshekologileng; Baiseraele bone ruri ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help