HESEKIELE 27 - Setswana 1970(TSW70)

Selelo ka ga Tiro yo o tshwantshiwang le mokoro

1Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:

2“Wena morwa-motho, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga Tiro,

3o ree Tiro o re: ‘Wena yo o agileng fa magorogelong a mekoro, wena morekisi mo merafeng e mentsi e e mo tikologong ya lewatle, Morena Modimo o bua jaana o a re:

“ ‘Wena Tiro o ipoletse wa re,

o na le bontle jo bo tletseng.

4Melelwane ya gago

e mo gare ga lewatle;

baagi ba gago

ba tladitse bontle jwa gago.

5Ba go diretse dipati tsotlhe

tsa gago ka dikgong

tsa mesiperese tsa kwa Senire;

ba tsaya mesetere kwa Lebanone

go dira pinagare ya mokoro

mo go wena.

6Mahuduo a gago ba a dirile

ka dikgong tsa eike tsa Basane;

thulelo ya gago ba e dira

ka dipati tsa mesiperese

tse di tswang

kwa ditlhakatlhakeng tsa Khithime,

di manegilwe dinaka tsa ditlou.

7Diseile tsa gago

e ne e le masela a mantle

a a mebalabala a kwa Egepeto,

go nna sefoka sa gago.

O ne o itiretse leobo

ka masela a matala

le a mahibidu a a tswang

kwa ditlhakatlhakeng tsa Elisa.

8Banni ba Sitone le ba Arwate

e ne e le bahudui ba gago;

mme batlhalefi ba gago, Tiro,

ba ba neng ba le mo go wena,

bone e ne e le balaodi ba gago.

9Banna bagolo ba Gebale

le batlhalefi ba teng

ba ne ba le mo go wena,

e le ba ba thibang

maroba a gago.

Balaodi ba mekoro yotlhe

ya lewatle ba ne ba tla kwa go

wena ka yona go rekisanya nao.

10“ ‘Ba Peresia le ba Lute le ba Phute ba ne ba le mo mephatong ya gago, e le batlhabani ba gago; ba pega dithebe le dikuane tsa tshipi mo go wena, ba go galaletsa.

11Ba Arwate le ba mephato ya gago ba ne ba le mo dipoteng tsa gago mo tikologong; ba Gamadi ba le mo dikagong tse di godimo tsa ditlhodi tsa gago. Ba pega dithebe tsa bone mo dipoteng tsa gago mo ntlheng tsotlhe, ba tlatsa bontle jwa gago jalo.

12“ ‘Ba Tharesise ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa dithoto tsa gago; ba ntsha selefera la tshipi le thini le llota, ba reka dithoto tsa gago ka tsona.

13Ba Jafane le ba Thubale le ba Mesege e ne e le barekedi ba gago, ba rekisa batho le dithoto tsa kgotlho, ba reka dithoto tsa gago ka tsona.

14Ba losika lwa ga Thogarama ba ne ba reka dithoto tsa gago ka dipitse tse di gogang le tse di palangwang le meboulwe.

15Ba Rotane e ne e le barekedi ba gago. Merafe e mentsi e e mo tikologong ya lewatle ya rekisanya nao, ya go busetsa dinaka tsa ditlou le dikgong tse dintshontsho, e le go lefa tsa gago.

16Basiria ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa tse o di direlang thekiso. Ba ntsha majwana a mahibidu le masela a mahibidu le masela a a mebalabala le masela a mantle le mekgabo ya dikorala le majwana a mahibitswana, ba reka dithoto tsa gago ka tsona.

17Bajuta le ba lefatshe la Iseraele e ne e le barekedi ba gago. Ba ntsha mabele a kwa Minithe le bupe le mafura a dinotshe le lookwane le boroku, ba reka tsa gago ka tsona.

18Ba Damaseko ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya tse dintsi tse o di dirang le ka ntlha ya bontsi jwa dithoto tsa gago; ba tlisa weine ya kwa Helebone le boboa jo bosweu.

19Ba Wetane le Jawane ba ne ba ntsha tshipi ya mothudi e e tswang kwa Usale, ba reka tsa gago ka yona. Ditswaiso tsa kasia le kalamuse di ne di rekisiwa mo go wena.

20Ba Detane ba ne ba rekisanya nao, ba tlisa dikobo tse bapalami ba ipeeletsang ka tsona.

21Ba Arabia le batlotlegi botlhe ba Ketare e ne e le barekedi ba gago. Tse ba rekileng mo go wena ka tsona e ne e le dikwana le diphelehu le diphoko.

22Bagwebi ba Šeba le ba Raema ba ne ba rekisanya nao: Ba reka dithoto tsa gago ka makga a mefutafuta a a tlhaotsweng le ka majwana a a tlhokegang a mefutafuta le ka gouta.

23Ba Harane le ba Kanne le ba Etene le bagwebi ba Seba le ba Asiria le ba Media botlhe ba ne ba rekisanya nao.

24Mo marekelong a gago ba ne ba reka ka diaparo tse dintlentle le ka masela a mabududu le ka masela a a marabata le ka meseme e e mebalabala le ka megala e e logilweng e e tiileng.

25Mekoro ya Tharesise e ne e tsamaisa tsa kgwebo ya gago.

“ ‘Wa huma jalo,

wa tlotlega thata mo lewatleng.

26Ba ba go tsamaisang ba go isitse

kwa metsing a magolo;

mme ledimo la botlhabatsatsi

le tla go thuba mo lewatleng.

27Dikhumo tsa gago

le tse o di rekisang

le dithoto tsa gago

le balaodi ba gago

le bahudui ba gago

le ba ba thibang maroba a gago

le ba ba rekang le go rekisa

dithoto tsa gago

le batlhabani botlhe ba gago

ba ba nang nao

le batho botlhe

ba ba mo go wena:

Botlhe ba tla nwela natso

mo teng ga lewatle

ka letsatsi la tatlhego ya gago.

28Foo dinaga di tla roroma

ka go goa ga batsamaisi ba gago.

29“ ‘Botlhe ba ba tshwereng

mahuduo

ba tla tlogela mekoro ya bone;

balaodi ba yona le botlhe

ba ba e tsamaisang mo lewatleng

ba tla ema mo lefatsheng.

30Ba tla go tlhabela mokgosi,

ba goa ka bogalaka,

ba itshela lorole mo ditlhogong,

ba ipidikanya mo moloreng.

31Ba tla ipeola ditlhogo

ka ntlha ya gago,

ba apara dikgetse tsa bohutsana,

ba go lelela ka pelo e e botlhoko

le ka khutsafalo e e galakang.

32Mo go leleng ga bone

ba tla go tlhabela mokgosi

wa go lelela moswi,

ba go hutsafalela ba re:

Ke mang yo o didimaditsweng

mo lewatleng jaaka Tiro?

33E rile tsa kgwebo ya gago

di sa ntse di tla

ka tsela ya lewatle,

wa kgorisa merafe e mentsi,

wa humisa dikgosi tsa lefatshe

ka bontsi jwa dithoto tsa gago

tse o neng o di rekisa.

34Mme ya re o thubaganngwa

mo lewatleng

le mo madibeng a metsi,

tsa kgwebo ya gago tsa nwela

mmogo le botlhe

ba ba neng ba le mo go wena.

35“ ‘Botlhe ba ba agileng fa dintshing tsa lewatle ba tshogile ka ntlha ya gago; dikgosi tsa bone di reregile gagolo, di tlhontse difatlhego.

36Bagwebi mo merafeng ba a go otsa; o nyeletse ka tshoganyetso. Ga o kitla o tlhola o nna teng ka bosakhutleng.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help