DIPESALEME 80 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya go tlhabolola Iseraele, e leng tshimo ya Modimo ya moweine

1Pesalome ya tshupo ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”.

2Wena, Modisa wa Iseraele,

a o ko o utlwe;

wena yo o gogang Josefa

jaaka letsomane,

wena yo o ntseng godimo

ga boKerubime,

iponatse ka phatsimo.

3Tsosa nonofo ya gago

fa pele ga Eferaime

le Benyamene le Manase,

mme o tle go re thusa.

4Re tlhabolole, Modimo,

o phatsimise sefatlhego sa gago

gore re phologe.

5 Morena, Modimo

wa masomosomo,

o tla galefela thapelo ya batho

ba gago goleele go le kae?

6O ba jesitse senkgwe sa dikeledi,

wa ba nosa dikeledi gagolo thata.

7O re dirile se se lwelwang

mo go ba re bapileng nabo,

baba ba rona ba a re sotla.

8Re tlhabolole,

Modimo wa masomosomo,

o phatsimise sefatlhego sa gago

gore re phologe.

9O epolotse setlhatshana

sa moweine

mo lefatsheng la Egepeto,

wa leleka ditšhaba, wa se tlhoma.

10O se baakanyeditse manno,

sa nama medi, sa tlala lefatshe.

11Dithaba di ne di khurumediwa

ke moriti wa sona,

le mesetere ya Modimo

e khurumediwa ka dikala tsa sona.

12Se ne se godisa dikala tsa sona

go fitlha kwa lewatleng

le matlhogela a sona

go fitlha kwa nokeng ya Ferathe.

13Kana o ne o phomelang

dipota tsa sona

gore botlhe ba ba fetang ka tsela

ba se fotlhe?

14Kolobe ya sekgwa e a se epolola,

diphologolo tsa naga di a se ja.

15Tswetswe, boa,

Modimo wa masomosomo;

leba, o le kwa legodimong, o bone;

o tlhokomele setlhatshana

se sa moweine;

16e bong setlhongwa

se se tlhomilweng

ka letsogo la gago le le jang,

le morwa yo ò mo ikgodiseditseng.

17Se fisitswe ka molelo, sa kgaolwa;

a baba ba latlhege ka kgalemelo

ya sefatlhego sa gago.

18A letsogo la gago le okame monna

yo o dirilweng ke letsogo la gago

le le jang,

e bong morwa motho

yo ò mo ikgodiseditseng.

19Foo ga re kitla re go hularela.

Re phedise,

mme re tla bitsa leina la gago.

20Re tlhabolole, Morena,

Modimo wa masomosomo,

o phatsimise sefatlhego sa gago

gore re phologe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help