2 TIMOTHEO 2 - Setswana 1970(TSW70)

Kaelo ya go ema ka tlhomamo mo tumelong le mo tirelong

1Mme wena, ngwanaka, tia jaanong ka bopelotlhomogi jo bo mo go Keresete Jesu.

2Mme dilo tse o di utlwileng mo go nna go le basupi ba bantsi, o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba bileng ba tla nonofa go di ruta ba bangwe.

3Boga le nna jaaka motlhabani yo o siameng wa ga Keresete Jesu.

4Ga go ope yo e a reng a bololetse tlhabano, a tshwenyegele tse a iphedisang ka tsona, mme o dira gore a kgatlhe ene yo o mmileditseng ntweng.

5Kana le fa motho a tsena mo kgaisanyong, ga a nke a rwesiwa serwalo, fa a sa se lekele ka fa molaong.

6Molemi yo o itapisang o tshwanetse go nna wa ntlha yo o jang maungo.

7Ela se ke se buang tlhoko; gonne Morena o tla go neela tlhaloganyo mo dilong tsotlhe.

8Gopola Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing, yo e leng wa losika lwa ga Dafita ka fa Efangeleng ya me

9e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.

10Ke gona ka moo ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya batlhaolwi gore le bone ba amogele pholoso e e mo go Keresete Jesu le kgalalelo e e sa khutleng.

11Lefoko le le boikanyo ke le:

“Fa re sule nae,

re tla phela nae.

12Fa re itshoka,

re tla busa nae; fa re mo itatola,

le ene o tla re itatola.

13Fa re sa ikanyege,

ene o tla nna a le boikanyo;

gonne ga a ka ke a iitatola.”

Ka ga maitsholo a a ka rutang ba ba fapogileng thuto e e siameng le bophelo jo bo itshekileng

14Dilo tseo o di ba gopotse, o ba tlhagise fa pele ga Modimo gore ba se ka ba ganetsanya ka mafoko mo go sa thuseng sepe, mme e le fela go isa ba ba a utlwang mo tshenyegong.

15O nne tlhaga gore o itshupetse Modimo o le yo o ikanyegang, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, yo o lebanyang Lefoko la boammaaruri ka tshwanelo.

16Mme dipalabalo tsa boithamako o di tshabe; gonne babalabadi ba tla nna ba tswelela pele fela mo boikepong.

17Lefoko la bone le tla nna le kekela jaaka tlhagala e e kekelang, ba Himeneo le Fileto e leng bangwe ba bone,

18ba ba fapogileng boammaaruri ba re tsogo ya baswi e setse e dirafetse, ba be ba senya tumelo ya ba bangwe.

19Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.”

20Mme jaanong mo ntlong e kgolo ga go na dijana tsa gouta le tsa selefera fela, mme go na le tsa logong le tsa letsopa le tsona, tse dingwe e le tsa tlotlo, tse dingwe e le tsa tlotlololo.

21Jaanong fa motho a tlhapa dilo tseo, o tla nna sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se lebanyeng go direla mong wa ntlo, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo.

22Tshaba dikeletso tsa bokau, o batle tshiamo le tumelo le lorato le kagiso mmogo le ba ba bitsang Morena ka dipelo tse di itshekileng.

23Mme dipotso tsa bosilo le tsa bonyana o di gane, ka o itse gore di tsala kgang fela.

24Mme motlhanka wa Morena ga a tshwanela go nna motho wa kgang, mme a a nne pelontle le botlhe, a itse go ruta, mme a itshokele bosula;

25a be a kgalemele baganetsi ka bonolo, e tle e re gongwe Modimo o ba nee tlhabologo e e isang kitsong ya boammaaruri,

26ba tle ba rarabologelwe, ba tswe mo serung sa ga Diabolo se ba neng ba tshwerwe ka sona gore ba dirafatse thato ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help