JOBE 10 - Setswana 1970(TSW70)

1“Bophelo jwa me bo a ntena.

Ke tla ntsha selelo sa me.

Ke tla bua ke le botlhokong

jo bo galakang,

2ke raya Modimo ke re:

Se nkatlhole wa re, ke moikepi;

nkitsise se se go losang le nna.

3A go molemo mo go wena,

fa o dira tsa kgatelelo,

fa o latlha

yo diatla tsa gago di mo dirileng,

fa o kgatlhwa ke maano

a baikepi?

4A matlho a gago ke a nama?

Gongwe a o bona

jaaka motho a bona?

5A malatsi a gago a tshwana

le malatsi a motho?

Gongwe a dinyaga tsa gago

di tshwana le malatsi a monna?

6Ke go reng,

fa o batla molato mo go nna,

fa o latelela sebe sa me?

7Etswe o ntse o itse,

fa ke se na molato,

e bile go se na ope

yo o ka pholosang mo diatleng

tsa gago.

8Diatla tsa gago di mpopile,

di ntirile ka botswerere gotlhe!

A o batla go nnyeletsa?

9A ko o gopole gore o mpopile

jaaka letsopa!

Jaanong a o mpusetsa loroleng?

10A ga o a ntshela jaaka mašwi,

wa nthemisa

jaaka madila a a loileng?

11Wa nkapesa letlalo le nama,

wa ntshwaraganya ka marapo

le mesifa.

12O mphile bophelo, wa nthata,

wa mpolokela mowa

ka go mpabalela.

13Mme tse o neng o di fitlhile

mo pelong ya gago

– jaanong ke itse boikaelelo

jwa gago – ke tse:

14Fa nka leofa, o tla nkela tlhoko;

ga o kitla o nkgolola molatong.

15Fa nka ikepa,

a tatlhego ya me wee!

Le fa ke le yo o siameng,

ga ke na go tsholetsa tlhogo

ka ntlha ya go kgora tsa ditlhong

le go bona pogisego ya me.

16Fa tlhogo e ka bo e itsosa,

o ka bo o ntsoma jaaka tau,

o ntse o ntemosa thata ya gago

e e gakgamatsang.

17O ka bo o ntebaganya

le basupi ba bašwa,

o godisa go nkgalefela ga gago,

o ntse o ntlhasela ka mephato

e mešwa.

18O nntsheditseng mo mmeleng

wa ga mme?

E kete nka bo ke sule ke ise

ke bonwe ke leitlho la motho.

19Foo nka bo ke tshwana

le yo o iseng a nne teng;

nka bo ke isitswe

kwa lebitleng fela

ka nako e ke duleng

mo popelong ka yona.

20Malatsi a me a ga a mannye?

A Modimo o khutle,

a o ntese,

ke tle ke phuthologe

go le gonnye!

21Ke ise ke ye kwa fatsheng

la lefifi la moriti wa loso,

kwa ke sa tlholeng

ke ka boa teng

22kwa lefatsheng le lentsho la lefifi

la moriti wa loso

le le se nang thulaganyo;

kwa bosigogare

bo bidiwang lesedi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help