1Yo o bokoa mo tumelong lo mo tshole, lo se ganetsanye ka ntlha ya maikutlo.
2Mongwe o dumela gore o ka ja tsotlhe, mme yo o bokoa o ja merogo fela.
3Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse.
4Kana wena o mang yo o ka atlholang motlhanka wa yo mongwe? Ene o emela gongwe o wela Morena wa gagwe; mme o tla emisiwa, gonne Morena o nonofile go ka mo emisa.
5Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe.
6Yo o tlotlang letsatsi o le tlotlela Morena; yo o jang o ja ka ntlha ya Morena, gonne o leboga Modimo. Mme yo o sa jeng o lesa go ja ka ntlha ya Morena, mme o leboga Modimo.
7Gonne ga go ope wa rona yo o itshelelang, e bile ga go ope yo o itshwelang;
8gonne fa re tshela, re tshelela Morena; fa re swa, re swela Morena; ka moo, le fa re tshela gongwe re swa, re ba Morena.
9Gonne se Keresete a se swetseng, a ba a tsoga, a phela gape, ke gore a tle a nne Morena wa baswi le baphedi.
10Mme wena o beelang ngwana wa ga Rraago molato? Gongwe le wena, o nyaletsang ngwana wa ga Rraago? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga sedulo sa katlholo sa Modimo;
11gonne go kwadilwe ga twe:
“Ka bophelo jwa me!
Mangole otlhe
a tla nkhubamela,
diteme tsotlhe
di tla ipolela Modimo,
go bua Morena.”
12Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong.
Go phedisanya ka lorato13Jalo he, a re se tlholeng re baana melato, mme bogolo tlhokomelang gore go se nne ope yo o kgopisang mokaulengwe gongwe go mo leofisa.
14Ke a itse, e bile ke itse ka tlhomamo ka Morena Jesu gore ga go sepe se se itshekologileng ka bosona; mme ene yo o se kayang se itshekologile, se itshekologetse ene.
15Gonne fa mokaulengwe wa gago a ka belaediwa ke wena ka ntlha ya dijo, foo ò tla bo o sa tlhole o tsamaya ka fa loratong. Motho yo Keresete o mo swetseng ò se ka wa mo senya ka dijo tsa gago.
16Jaanong a molemo wa lona o se ka wa kgalwa!
17Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo.
18Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho.
19Ka moo he, a re lateleng tsa kagisanyo le tsa ketleetsanyo tumelong!
20O se ka wa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Dilo tsotlhe di itshekile; mme di bosula mo mothong yo o di jang ka pelaelo.
21Go molemo, fa go ka tlogelwa go ja nama le go nwa bojalwa le sengwe le sengwe se mokaulengwe wa gago a ka kgopisiwang ke sona.
22Fa o na le kgololesego, a e nne ya gago ka bowena fa pele ga Modimo. Go sego yo o sa itshekiseng mo go se a se kayang se letleletswe.
23Mme yo o jang a belaela ene o atlhotswe molato, ka a sa je ka tumelo. Mme sengwe le sengwe se e seng sa tumelo ke boleo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.