1 SAMUELE 26 - Setswana 1970(TSW70)

Dafita o rekegela Saule la bobedi

1Basife ba tla kwa go Saule kwa Gibea ba re: “Kana Dafita o ntse a iphitlha mo thabaneng ya Hagila ntlheng ya botlhabatsatsi ya naga e e senya.”

2Ke fa Saule a nanoga a fologela kwa sekakeng sa Sife, a na le banna ba le 300 ba ba tlhophilweng ba lseraele go batla Dafita kwa sekakeng sa Sife.

3Saule a thibelela mo thabaneng ya Hagila e e fa tseleng mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya naga e e senya, mme Dafita a ntse a le mo sekakeng. Ya re Dafita a utlwa go twe Saule o tlile go mo tsoma kwa sekakeng,

4a roma batlhodi, mme a utlwa ka bone, fa Saule a tlile ka nnete.

5Ke fa Dafita a nanoga, a fitlha kwa felong fa Saule a thibeletseng teng. Saule a bo a robetse fa gare ga magololo a dikoloi, banna ba mo dikanyeditse. Mme Dafita a bona felo fa Saule a robetseng teng le Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya gagwe.

6Jaanong Dafita a botsa Ahimelege wa Mohethe le Abisai morwa Seruya morwa-rraagwe Joabe a re: “Ke mang yo o tla fologelang le nna kwa go Saule kwa bothibelelong?” Abisai a re: “Ke tla fologa nao.”

7Jaanong ya re Dafita le Abisai ba fitlha kwa banneng bothibelelong bosigo, ba fitlhela Saule a robetse a thulametse fa gare ga dikoloi; lerumo la gagwe le tsepame fa fatshe fa tlhogong ya gagwe; Abenere le banna ba robetse ba mo dikanyeditse.

8Ke fa Abisai a raya Dafita a re: “Modimo o neetse mmaba wa gago mo diatleng tsa gago kajeno. Nte ke mo tlhabakelele fa fatshe ka lerumo la gagwe gangwe fela; ga go kitla go batlega la bobedi.”

9Dafita a raya Abisai a re: “O se ka wa mmolaya! Gonne ga go ope yo o ka ntshetsang motlodiwa wa Morena letsogo, mme a se ka a bona petso.”

10Dafita a ba a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ruri, Morena o tla mo itaya gongwe go tla tla letsatsi la gagwe la go swa gongwe o tla bolawa mo ntweng.

11A Morena a nthibele go ka ntshetsa motlodiwa wa Morena letsogo. Jaanong he, tsaya lerumo le le fa tlhogong ya gagwe le modutwana wa metsi, re tsamae.”

12Jaanong Dafita a tsaya lerumo le modutwana wa metsi fa tlhogong ya ga Saule, ba tsamaya go se na ope yo o ba bonang gongwe yo o lemogang sepe gongwe yo o thanyang; gonne ba ne ba robetse botlhe, ba thulameditswe ke Morena.

13Dafita a ba a tshelela kwa moseja ga molapo, a ema mo setlhoeng sa thaba kwa kgakala go le sebaka se segolo fa gare ga bone.

14Jaanong Dafita a tlhaeletsa banna le Abenere morwa Nere a re: “A ga o arabe, Abenere?” Abenere a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeletsang kgosi?”

15Mme Dafita a fetola Abenere a re: “A ga o monna? Ke mang yo o tshwanang nao mo Iseraeleng? Jaanong ke ka ntlha ya eng, fa o sa disa morena wa gago, kgosi? Gonne mongwe wa banna o fitlhile koo, a re o bolaya kgosi morena wa gago.

16Se o se dirileng ga se a siama. Ka bophelo jwa Morena! Lo tshwanetswe ke loso, gonne ga lo a disa morena wa lona, motlodiwa wa Morena. Jaanong he, tlhola gore lerumo la kgosi le kae? Modutwana wa metsi o o neng o le fa tlhogong ya yona o kae?”

17Ke fa Saule a lemoga lentswe la ga Dafita a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” Dafita a araba a re: “Ke lone, kgosi, morena wa me.”

18A ba a re: “Ke ka ntlha ya eng fa morena wa me a latelela motlhanka wa gagwe? Naare ke dirile eng? Go na le bosula bofe mo seatleng sa me?

19Jaanong he, a kgosi morena wa me e ke e reetse mafoko a motlhanka wa yona: Fa Morena a go tlhotlheletsa gore o lwe le nna, a a utlwisiwe monko wa tshupelo! Mme fa e le batho, a ba hutsege fa pele ga Morena! Gonne ba nteleka kajeno, ba ntlhokisa legae mo nageng ya Morena ba re: ‘Yaa o direle medimo e sele.’

20Mme jaanong, a madi a me a se ka a tshologela fa fatshe ke le kgakala le sefatlhego sa Morena! Gonne kgosi ya Iseraele e bolotse go batla letsetse le le lengwe fela, jaaka go tsongwa lesogo kwa majweng.”

21Saule a re: “Ke leofile. Boa, morwaaka Dafita! Gonne ga nkitla ke tlhola ke go direla bosula, ka gonne bophelo jwa me bo ne bo tlotlega thata kajeno mo matlhong a gago. Ka nnete, ke dirile bosilo, ka fosa gagolo thata.”

22Mme Dafita a fetola a re: “Bona, lerumo la kgosi ke le. A mongwe wa makau a tshelele kwano, a tle go le tsaya.

23Mme Morena o tla duela mongwe le mongwe ka fa tshiamong ya gagwe le boikanyegong jwa gagwe; gonne Morena o ne a go neetse mo diatleng tsa me kajeno, mme ka bo ke sa rate go ntshetsa motlodiwa wa Morena letsogo.

24Bona, bophelo jwa gago bo ne bo kaiwa segolo kajeno mo matlhong a me, a bophelo jwa me bo kaiwe segolo jalo mo matlhong a Morena, a mpholose mo tlalelong yotlhe.”

25Jaanong Saule a raya Dafita a re: “O tshegofaditswe, morwaaka Dafita. Ruri, o tla dirafatsa, o tswelela pele.” Jaanong Dafita a wela tseleng ya gagwe, Saule le ene a boela kwa felong ga gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help