1Ngwanaka, se lebale mafoko a me; ipolokele ditaolo tsa me.
2Tshegetsa ditaolo tsa me, foo o tla phela, le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.
3Di bofelele mo menwaneng ya gago, o di kwale mo letlapeng la pelo ya gago.
4Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” bitsa tlhaloganyo wa ga eno
5gore di go fapose mosadi o sele yo e seng wa gago, wa mafoko a a borethe.
Mosadi wa boaka6Gonne nkile ka okomela ka fenstere le ka phatlha ya lobota,
7ka bona lekau mo go ba ba sa tlhalefang; ka lemoga lesilo mo makolwaneng
8le feta le mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yole, le tsamaya mo tseleng e e fetang fa ntlong ya gagwe,
9ka lotlatlana, ka maabanyane, ka nako ya bosigo le lefifi.
10Bonang, ke fa mosadi yole a le kgatlhantsha, a apere diaparo tsa boaka, a le pelo e bolotsana;
11a ipapatsa, a itaola; dinao tsa gagwe tsa tlhoka boikhutso mo ntlong ya gagwe.
12Jaanong o mo mmileng, kgantele o mo dipatlelong, o lalela mo dikhutlong tsotlhe.
13Sule! O tshwere lekau lele, o a le atla; o bolela le lone, a se na ditlhong, a re:
14“Ke ne ke tlamegile go tlhaba ditlhabelo tsa tebogo; kajeno ke dirafaditse maikano a me.
15Ke ka moo ke duleng go go kgatlhantsha le go go batla, mme jaanong ke go bonye.
16Ke adile bolao jwa me ka dikobo le ka masela a a mebalabala a mantle a Egepeto.
17Ke gasitse marobalo a me ka mera le mekgwapha le kinamone tse di nkgang monate.
18Tlaya, a re tlhapelwe ka lorato go fitlha mosong, a re thabisanye ka go ratana!
19Gonne monna wa me ga a yo mo gae, o ile leetong le leleele.
20Sekgwama sa madi o se tshotse; o tla boela kwano gae ka letsatsi le ngwedi o tlalang ka lone.”
21A le raela jalo, a le kgona ka mafoko a mantsi a gagwe le ka borethe jwa loleme lwa gagwe.
22La mo sala morago ka pele jaaka pholo e isiwa go tlhajwa, jaaka lesilo, fa le golegilwe go ya go otliwa;
23go fitlhelela motswi o le phololele sebete; jaaka nonyane e itlhaganela go tsena mo serung e sa itse, fa e ya go bolawa.
24Ka moo he, lona banaka, nkutlweng lo tlhokomele mafoko a molomo wa me.
25A pelo ya gago e se ka ya fapogela mo tseleng ya mosadi yoo, ngwanaka, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe.
26Gonne ba ba bolailweng ba o ba digileng ba bantsi; botlhe ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo.
27Ntlo ya gagwe ke ditsela tse di yang kwa felong ga baswi, ke tsa go fologela kwa matlwaneng a loso.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.