EKESODU 18 - Setswana 1970(TSW70)

Jetoro o etela Moše

1Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le gore Morena o ntshitse Baiseraele mo Egepeto .

2Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tsaya Siphora, mosadi wa ga Moše, yo a neng a mmuseditse kwa ga gabo

3le bomorwawe ba babedi; leina la mongwe e ne e le Geresome, gonne o ne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”

4Leina la yo mongwe e ne e le Eliesere; gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke thuso ya me, o mpholositse mo tšhakeng ya ga Farao.”

5Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo.

6A itsise Moše a re: “Nna Jetoro mogwagwadiago ke tla koo go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi ba na nae.”

7Ke fa Moše a tswa go kgatlhantsha mogwagwadiagwe, a inama fa pele ga gagwe, a mo atla; mme ya re ba sena go botsana bophelo, ba tsena mo tenteng.

8Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka fa Morena a ba namoletseng ka teng.

9Mme Jetoro a itumelela tse di molemo tsotlhe tse Morena o di diretseng Baiseraele, fa a ba golola mo diatleng tsa Baegepeto.

10Jetoro a boka a re:

“A go bakwe Morena

yo o lo golotseng

mo diatleng tsa Baegepeto

le mo diatleng tsa ga Farao;

yo o namoletseng morafe o

mo kgatelelong ya Baegepeto!

11Jaanong ke lemogile

gore Morena o mogolo

bogolo go medimo yotlhe;

dilo tse Baegepeto

ba di diretseng Baiseraele

ka boikgantsho

di digetse Baegepeto

mo tatlhegong.”

12Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo.

Go tlhomamisiwa baatlhodi(Doit. 1:9-18)

13Ka letsatsi la ka moso Moše a nna mo lekgotleng go atlhola batho. Batho ba bo ba dikanyeditse Moše go tswa mosong go fitlha maitsiboeng.

14E rile mogwagwadia Moše a bona tsotlhe tse a di direlang morafe, a botsa a re: “Ke go reng, fa o direla morafe ka mokgwa o? O nnelang o le nosi, mme morafe otlhe o tlhola o eme fa go wena go tswa mosong go ya mantsiboeng?”

15Moše a araba mogwagwadiagwe a re: “Ke ka go re batho ba tla kwa go nna go botsa Modimo.

16E a re fa ba na le kgang, ba tle kwa go nna gore ke seke kgang ya motho le mongwe-ka-ene, ke be ke ba itsise ditaelo tsa Modimo le melao ya ona.”

17Mogwagwadia Moše a mo fetola a re: “Tse o di dirang ga di a siama.

18O tla fela thata wena le batho bao ba o nang nabo; gonne tiro e e ntseng jalo e a go palela; ga o kgone go e dira o le wesi.

19Jaanong utlwa mafoko a me, ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna nao. Wena o emele morafe fa pele ga Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong;

20o ba tlhalosetse ditaolo le melao, o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go sepela mo go yona le tiro e ba tshwanetseng go e dira.

21Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome

22gore bone ba seke batho ka metlha yotlhe. A ba tlise mafoko a magolo otlhe kwa go wena, mme a ba atlhole mafoko otlhe a mabotlana ka bosi. Fokotsa tiro ya gago jalo, mme a ba go rwadise.

23Fa o ka dira jalo, e le ka fa thatong ya Modimo, o tla kgona go itshoka; le gona batho botlhe ba, ba tla boela kwa gae ka kagiso.”

24Moše a utlwa mafoko a ga mogwagwadiagwe, a dira tsotlhe tse a di buileng.

25Moše a tlhopha banna ba ba nonofileng mo Baiseraeleng botlhe, a ba dira ditlhogo tsa morafe, ya nna baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo le baokamedi ba 50 le baokamedi ba masome.

26Bone ba seka morafe ka metlha yotlhe. Mafoko a a thata ba a isa kwa go Moše, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhola ka bosi.

27Jaanong Moše a naya mogwagwadiagwe tsela, mme a boela kwa lefatsheng la ga gabo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help