1A tatlhego wee ya ba ba yang kwa Egepeto go batla thuso; ba ba ikaegang ka dipitse, ba ba ikanyang dikoloi tsa ntwa, ka di le dintsi, le bapalami, ka ba le bantsi thata; mme ba sa lebe Moitshepi wa Iseraele, ba sa batle Morena.
2Mme le ene o botlhale. O tla tlisa petso, a sa fetole mafoko a gagwe. O tla tsogela ntlo ya basenyi le thuso ya badirabosula.
3Kana Baegepeto ke batho, ga se Modimo. Dipitse tsa bone ke nama, ga se mowa. E tla re Morena a otlolola letsogo, mothusi a kgotšwe, mothusiwi a we; botlhe ba tla nyelela mmogo.
4Gonne Morena o buile jaana le nna a re: “Tau le tawana di rora godimo ga thopo e di e tshwereng, fa badisa ba bantsi ba bilediwa kwa go tsona; mme ga di tshoge ka ntlha ya mekgosi ya bone, ga di tshabe modumo wa bone.” Morena wa masomosomo o tla fologa jalo gore a tlhabane mo thabeng ya Sione le mo thabaneng ya yona.
5Morena wa masomosomo o tla sireletsa motse wa Jerusalema jaaka go dira dinonyane ka diphuka; o tla o femela, a o pholosa, a o rekegela, a o thusa.
6Lona Baiseraele, boelang kwa go ene yo lo mo tlogetseng ka boikepo jo bo boteng.
7Gonne mo metlheng eo mongwe le mongwe o tla latlha medimo ya gagwe ya selefera le medimo ya gagwe ya gouta, e lo e itiretseng ka diatla tsa lona go leofa ka yona.
8Mme Baasiria ba tla wa ka tšhaka ya yo e seng monna; tšhaka ya yo e seng motho e tla ba nyeletsa. Ba tla tshaba tšhaka. Batlhabani ba bone e tla nna batlhanka.
9Lefika la bone le tla nyelela ka ntlha ya poifo. Dikgosana tsa bone di tla tlogela sefoka di tshogile. Go buile Morena jalo, yo o nang le molelo mo Sione le leiso mo Jerusalema.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
