JEREMIA 15 - Setswana 1970(TSW70)

1Mme Morena a nthaya a re: “Le fa Moše le Samuele ba ka ema fa pele ga me, ga ke na sepe le morafe o. Ba leleke fa pele ga me! A ba tsamae!

2Mme e re fa ba go botsa ba re: ‘Re ye kae?’ o ba ree o re: ‘Morena o buile jaana a re:

“ ‘Yo o neetsweng leroborobo

a ye kwa leroborobong;

yo o neetsweng tšhaka

a ye kwa tšhakeng;

yo o neetsweng tlala

a ye kwa tlaleng;

yo o neetsweng botshwaro

a ye kwa botshwarong!’

3“Mme ke tla ba romela dilo tse nne,” go bua Morena: “e leng tšhaka gore e ba bolae; le dintšwa gore di ba goge, di ba tlose; le dinonyane tsa loapi le dibata tsa lefatshe gore di ba je, di ba nyeletse.

4Ke tla ba neela dipuso tsotlhe tsa lefatshe gore di ba bogise setlhogo ka ntlha ya ga Manase, morwa Hesekia, kgosi ya Juta, ka ntlha ya tsotlhe tse o di dirileng mo Jerusalema.

5“Gonne ke mang yo o tla

go rekegelang, Jerusalema?

Ke mang yo o tla go tshedisang?

Ke mang yo o tla fapogelang

kwa go wena go go botsa

bophelo?

6Ke wena yo o ntatlhileng,

wa boela kwa morago,”

go bua Morena.

“Ke fa ke go otlololela letsogo,

ke go senya.

Ke lapile go tlhomoga pelo.

7Ke ne ka ba fefera ka loselo

mo dikgorong tsa lefatshe;

ka thukhutha morafe wa me

bana, ka o fedisa.

Mme ga ba a ka ba boa

mo ditseleng tsa bone.

8Batlholagadi ba bone

ba nntsifaletse

bogolo go motlhaba wa lewatle.

Ke ne ka roma mosenyi

kwa go bone yo o bolayang

bomma-makau motshegare,

ka digela pitlagano le letshogo

mo go bone ka tshoganyetso.

9Mosadi yo o neng a belege

bomorwawe ba supa

a felelela thata, a neela mowa.

Letsatsi la gagwe la phirima

go sa le motshegare;

a sula pelo,

a tlhajwa ke ditlhong.

Mme masalela a bone

ke tla a neela

mo tšhakeng ya baba ba bone.”

Morena o buile jalo.

Tlalelo ya pelo ya moporofeti le kgomotso ya Modimo mo go ene

10A tatlhego ya me wee, mma, fa o mpelege ke le monna wa kgang le ntwa mo lefatsheng lotlhe. Ga ke a adima ope, ga ke a adingwa ke ope, mme ba nthogaka botlhe.

11Morena a re: “Ruri, ke tla go sireletsa sentle; ruri, ke tla kokobetsa mmaba gore a kope thapelelo mo go wena mo sebakeng sa tatlhego le mo sebakeng sa tlalelo.

12A motho o ka roba tshipi le kgotlho tsa morafe o o tswang kwa bokone ka tshipi e nngwe? –

13“Dithoto tsa gago le mahumo a gago ke tla di neela go thopiwa, go se na tefelo. Ke ka ntlha ya maleo otlhe a gago a o a dirileng mo nageng yotlhe ya gago.

14Ke tla go dira motlhanka wa baba ba gago mo lefatsheng le o sa le itseng. Gonne molelo o tuka ka bogale jwa me, o gotseditswe lona.” –

15Go itse wena, Morena! Nkgopole ò ntlhokomele, ò mpusolosetse mo go ba ba mpogisang! Se ntlose ò le bopelotelele! Itse gore ke rwele kgobo ka ntlha ya gago.

16E rile ke fitlhela mafoko a gago, ka a ja. Mafoko a gago a ne a nthabisa. E ne e le boitumelo jwa pelo ya me, fa ke biditswe ka leina la gago, Morena, Modimo wa masomosomo.

17Ga ke a ka ka nna mo lesomong la ba ba tshegang le e seng go itumela nabo. Ke ne ka itunna ke le nosi, ke obilwe ke letsogo la gago, gonne ò ne o ntladitse kgalefo.

18Ke ka ntlhaang, fa botlhoko jwa me bo sa khutle, le ntho ya me e le e e sa foleng, e e ganang go alafiwa? A ka nnete ke tla fitlhela ò tshwana le noka e e aketsang, le metsi a a sa ikanyegeng?

19Ke gona ka moo Morena a buang jaana a re: “Fa ò boa, ke tla go emisa gape fa pele ga me; fa ò ntsha tse di tshwanetseng, e seng tse di boatla, o tla nna molomo wa me. Mme bone ba tla boela kwa go wena, mme wena o se ka wa boela kwa go bone!

20Foo ke tla go dira lobota lwa kgotlho lo lo tiileng mo morafeng o. Ba tla tlhabana nao, mme ga ba nke ba go fenya. Gonne ke na nao gore ke go thuse, ke go pholose. Ke Morena yo o buileng jalo.

21Ee, ke tla go pholosa mo diatleng tsa ba ba pelompe, ke go golola mo matsweleng a barena ba ba setlhogo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help