DIPESALEME 9 - Setswana 1970(TSW70)

Tebogo ya kgololo e kgolo

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka fa moopelong wa “Swela morwa”.

2Ke tla go leboga, Morena,

ka pelo yotlhe,

ke tla bolela dikgakgamatso tsotlhe

tsa gago.

3Ke tla itumela,

ke ipela mo go wena;

ke tla opelela leina la gago,

wena Mogodimodimo.

4Ka gonne baba ba me

ba katile ka morago,

ba kgotšwa,

ba nyelela fa pele ga gago.

5Gonne o emetse tshiamo ya me

le tsheko ya me,

wa ipaya mo sedulong sa bogosi,

o le moatlhodi yo o siameng.

6O kgalemetse Baditšhaba,

wa nyeletsa baikepi,

maina a bona wa a phimolela ruri.

7Baba ba sule,

ke marope fela ka bosakhutleng,

le metse o e thubile,

go gopolwa ga yona go ile.

8Mme Morena ene o nnela ruri,

sedulo sa gagwe

o se baakanyeditse go atlhola.

9O atlhola lefatshe ka tshiamo,

o siamisetsa merafe

ka boammaaruri.

10Ka moo Morena ke botshabelo

jo bo thata jwa bapatikwa,

ke botshabelo jo bo thata

mo metlheng ya pitlagano.

11Ba ba itseng leina la gago

ba a go ikanya;

ka gonne wena Morena

ga o ke o tlogela

ba ba go batlang.

12Opelelang Morena

yo o agileng mo Sione;

bolelang ditiro tsa gagwe

mo merafeng.

13Gonne ena yo o busolosang madi

o ba gopotse,

ga a lebale selelo sa batlalelwi.

14 Morena, intshwarele,

ela se ke se bogang

mo go bona

ba ba ntlhoileng tlhoko,

wena yo o ntsholetsang

mo dikgorong tsa loso,

15gore ke tle ke bolele

dipôkô tsotlhe tsa gago,

ke dudueletse pholoso ya gago

mo dikgorong tsa morwadia Sione.

16Baditšhaba ba wetse mo lemeneng

le ba le epileng,

dinao tsa bona di tshwerwe

ke letloa

le ba le thaileng mo sephiring.

17 Morena o ikitsisitse,

o dirile katlholo,

moikepi o raraanye

ka tiro ya diatla tsa gagwe.

Go a lediwa. Sela.

18Baikepi ba tla boela

kwa felong ga baswi,

le baheitane botlhe

ba ba lebetseng Modimo.

19Gonne bahumanegi

ga ba nke ba lebalelwa ruri,

le tsholofelo ya babogisegi

ga e kitla e tlhokafalela ruri.

20Tloga o eme, Morena!

A motho a se ka a thatafala,

a baheitane ba atlholwe

fa pele ga gago.

21 Morena, ba tlatse poifo,

a baheitane ba itemoge,

fa e le batho fela. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help