JOBE 37 - Setswana 1970(TSW70)

1“Ee, pelo ya me

e tshosiwa ke tseo,

e tsiboga mo felong ga yona.

2Utlwang lo reetse loratla

lwa lentswe la ona

le tumo e e tswang

mo molomong wa ona.

3O e utlwatsa fa tlase

ga legodimo lotlhe,

o bonatsa logadima lwa ona

kwa mafelelong a lefatshe.

4Lo latelwa ke go duma ga maru;

o dume ka kodu

ya borena jwa ona;

mme ga o thibele dikgadima,

fa kodu ya ona e utlwala.

5Modimo o duma ka kodu ya ona

mo go gakgamatsang;

o dira tse dikgolo

tse re sa di tlhaloganyeng;

6gonne o raya semathana o re:

‘Wela fa fatshe!’

Le pula ya leebana le ya medupe

le dipula tsa thata ya ona

o di raya o re jalo.

7O hunyetsa diatla

tsa batho botlhe mariga

gore batho botlhe

ba lemoge ditiro tsa ona.

8Foo diphologolo di tsene

mo maiphitlhong a tsona,

di nne mo marobalelong a tsona.

9Ledimo le tle

le tswa mo ntlong ya lone;

diphefo tse di phatlalatsang maru

di tlise serame.

10Pudulo e e maruru ya Modimo

e bope dikgapetla;

metsi a a atlhameng

a thatafale ka serame.

11O imetsa maru ka metsi,

o bo o a phatlalatse,

a ntshe dikgadima tsa ona.

12A tsamaisiwa kwa le kwa

ka fa taolong ya ona

gore a dire ditiro tsotlhe

tse o di a laetseng

mo tikologong ya lefatshe.

13Fa o a tlisetsa lefatshe la ona,

e ka nna kotlo

gongwe tshegofatso.

14Wena Jobe, sekegela tseo tsebe;

iketle, o tlo o tlhaloganye

dikgakgamatso tsa Modimo.

15A o itse ka fa Modimo

o di laolang ka teng,

fa o gadimisa tladi ya maru

a ona?

16A o tlhaloganya se se

tsholeditseng maru

le dikgakgamatso

tsa yo o kitso e e tletseng?

17Wena yo diaparo tsa gago

di nnang bolelo,

fa go foka phefo e e bolelo ya

borwa mo lefatsheng:

18A wena o ka tsharolola loapi nao

lo lo tiileng jaaka seiponi

sa tshipi?

19Re itsise se re ka se buang nao;

ga re ka ke ra rulaganya puo epe

ka ntlha ya lefifi.

20A ona o ka tewa ga twe:

‘Didimala, ke bue’?

Gongwe a motho o kile a re:

‘Ke rata go nyelediwa’?

21Le gona jalo go a pala

go ka leba lesedi la letsatsi,

fa le phatsima kwa legodimong,

fa phefo e sena go feta

le go le anosa.

22Gouta e e phatsimang

e tswa kwa bokone,

mme kgalalelo e e boitshegang

Modimo o mo go yona.

23Mong-wa-thata-yotlhe

ga re mmone;

o mogolo ka thata,

o humile tshiamo;

ga a ka ke a sokamisa tshiamo.

24Ka moo batho ba tshwanetse

go mmoifa.

Ga a re sepe ka botlhe

ba ba ikayang matlhale.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help