JOBE 7 - Setswana 1970(TSW70)

1“Bophelo jwa motho fatsheng

a ga se go tlhabana?

Malatsi a gagwe

a ga a tshwane le a motlhanka

yo o sebeletsang tuelo ya letsatsi?

2Molala o lelela moriti;

yo o sebeletsang tuelo

o emela tuelo ya gagwe:

3Ke ruile jalo dikgwedi

tse di swabisang,

ka abelwa masigo a a lapisang.

4E re fa ke ya go robala, ke re:

‘Ke tla tsoga leng?’

Mme bosigo e nne jo boleele;

ke lapisiwe ke go tlhobaela

go ya bo be bo se.

5Mmele wa me

o apere dibokwana

le logogo lwa lorole;

letlalo la me le thibala,

le be le phanyega gape.

6Malatsi a me a potlaka

bogolo go morutse wa mologi;

a feta fela,

ke sa bone se ke se solofetseng.

7Gopola, fa bophelo jwa me

e le phefo fela;

fa matlho a me a se kitla

a bona tlhogonolo gape.

8Matlho a yo o mponang

ga a nke a nteba;

matlho a gago a tla mpatla,

mme ke tla bo ke se yo.

9Leru le a tle le nyelele,

le tsamae:

Yo o fologetseng

kwa felong ga baswi

le ene o ntse jalo;

ga a nke a tlhatloga gape.

10Ga a tlhole a boela

mo lapeng la gagwe;

felo ga gagwe

ga go tlhole go mo itse.

11Le fa go ntse jalo

ga nkitla ke ithiba molomo;

fa mowa wa me o le tlalelong,

ke tla bua;

fa ke le botlhokong

jo bo galakang

ke tla lela.

12A ke lewatle gongwe leruarua

la lewatle,

fa o mpeela balebeledi

ba ba ntisang?

13Fa ke re: ‘Bolao jwa me

bo tla nkgomotsa,

marobalo a me a tla nthusa

go itshoka tlalelong ya me,’

14foo o ntshose ka ditoro

o ntheregise ka dipono,

15mo ke bileng ka rata go betwa

le go swa bogolo

go pogisego ya me.

16Ke nyatsa bophelo jwa me!

A nke ke se phele jalo

ka bosakhutleng!

Ntese!

Kana malatsi a me ke phefo fela.

17Motho ke eng,

fa o mo kaya yo mogolo,

fa pelo ya gago e mo ela tlhoko?

18Fa o mo tlhola mo mosong

mongwe le mongwe,

fa o mo leka ka nako le nako?

19Ke sebaka se se kana kang

o sa mphapose matlho,

o sa mphe boikhutso

go ka metsa mathe?

20Fa ke leofile,

wena modisa wa batho,

ke go senyeditseng?

Ke ka ntlha ya eng,

fa o mpeile gore o ntlhasele,

fa ke le morwalo o o ikimelang?

21Ke ka ntlha ya eng,

fa o sa itshwarele boleo jwa me,

fa o sa phimole molato wa me?

Gonne jaanong

ke tla robala loroleng;

o tla mpatla,

mme ke tla bo ke se teng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help