DIANE 6 - Setswana 1970(TSW70)

Ditlhagiso tse dingwe

1Ngwanaka, fa o ipofile wa re, ke tla lefa molato wa mongwe-ka-nna; fa o ipofile ka go neelana diatla le moeng,

2fa o itlamile ka mafoko a molomo wa gago; fa o tshwerwe ka dipolelo tsa molomo wa gago,

3dira jaana, ngwanaka gore o ikgolole, gonne o wetse mo diatleng tsa mongwe-ka-wena: Yaa o ikokobetse, o kokotlele mongwe-ka-wena thata!

4Tima matlho a gago boroko, se dumelele dintshi tsa gago go otsela.

5O falole jaaka phudufudu mo seatleng sa motsomi le jaaka nonyane mo seatleng sa mothaisi wa yona.

6Motlapa, yaa kwa tshoswaneng, o bone mekgwa ya yona, o tlhalefe!

7Le fa e se na kgosana le e seng mokwaledi gongwe molaodi,

8e etleetsa dijo tsa yona selemo, e kgobokanya dijo tsa yona fa go kotulwa.

9Wena setshwakga, o tla robala go fitlha leng? O tla tsoga leng mo borokong?

10O a re: “Ke ya go robala go le gonnye, ke otsela go le gonnye, ke phutha diatla go le gonnye go ikhutsa.”

11Mme khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani.

12Yo o tsamayang ka bolotsana jwa molomo ke motho yo o se nang mosola; ga se monna wa sepe.

13O gwetlha ka matlho, a bontshe ka maoto, a supe ka menwana,

14a loge maano a bolotsana mo pelong ya gagwe a a bosula ka metlha yotlhe, a lotlhanye batho.

15Ene yoo tatlhego e tla mo wela ka tshoganyetso, o tla pšhwetlwa ka ponyo ya leitlho, go se na se se ka mo thusang.

16Dilo di le thataro Morena o di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene:

17Ke matlho a boikgantsho

le loleme lwa maaka

le diatla tse di tshololang madi

a a se nang molato

18le pelo e e logang maano

a bolotsana

le maoto a a itlhaganelelang

kwa bosuleng

19le mosupi wa kako

yo o bolelang maaka

le yo o losang bana ba motho.

Tlhagiso ka ga boaka

20Ngwanaka, boloka taolo ya ga rraago; se latlhe thuto ya ga mmaago.

21Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago.

22A di go pate, fa o tsamaya; di go sireletse, fa o robala; di bue nao, fa o thanya.

23Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo

24gore di go thibose mo mosading yo o bosula le mo boretheng jwa loleme lwa mosadi wa yo mongwe.

25Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.

26Gonne mosadi wa seaka o humanegisa motho, mme mosadi wa monna yo mongwe o tsoma bophelo jo bo rategang.

27A motho o ka lokela molelo mo kgwatlheng ya gagwe, diaparo tsa gagwe di sa šwe?

28Gongwe a motho o ka gata magala, mme a se ka a šwa dinao?

29Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong.

30Legodu ga le nyatsege, fa le utswa gore le kgorise keletso ya lone, fa le bolawa ke tlala.

31Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone.

32Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo.

33O tla kgwatha ka ditlhong; nyatsego ya gagwe ke e e sa phimolweng.

34Gonne fa bogale jwa monna e le jwa lefufa, ga a kitla a rekegela ka letsatsi la pusoloso;

35ga a nke a go itshwarela, le fa o ntsha tefa; ga a nke a diga pelo, le fa o ntsha dineo tse dintsi.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help