GENESI 23 - Setswana 1970(TSW70)

Loso lwa ga Sara le phitlho ya gagwe

1Sara o phedile dinyaga di le 127,

2mme a swela kwa Khiriathe-Areba, ke go re kwa Heberone mo lefatsheng la Kanana. Ke fa Aborahame a tsena go hutsafalela Sara le go mo lelela.

3A ba a nanoga, a tlogela moswi wa gagwe, a bua le Bahethe a re:

4“Ke moeng le mofaladi fela mo go lona. Mpheng felo ga phitlho mo go lona, e nne ga me gore ke tsee moswi wa me, ke ye go mo fitlha.”

5Bahethe ba fetola Aborahame, ba mo raya ba re:

6“Re utlwe, morena! O kgosana ya Modimo mo gare ga rona. Fitlha moswi wa gago mo lebitleng le le phalang mabitla a mangwe a rona. Ga go na ope mo go rona yo o tla go ganelang ka lebitla la gagwe, fa o rata go fitlha moswi wa gago.”

7Ke fa Aborahame a nanoga, a ikoba fa pele ga beng ba naga eo, e bong Bahethe,

8a bua nabo a re: “Fa lo ntumelela go tlosa moswi wa me fa go nna, le go mo fitlha, nkutlweng, lo nthapelele Eferone, morwa Sohare

9gore a mphe logaga lwa gagwe lwa Makapela lo lo kwa bofelong jwa naga ya gagwe, a lo nnee fa pele ga lona ka tlhwatlhwa e e tshwanetseng, e nne felo ga me ga phitlho.”

10Mme Eferone o ne a ntse mo gare ga Bahethe. Ene Eferone wa Mohethe a fetola Aborahame mo ditsebeng tsa Bahethe botlhe ba ba tsenyeng mo lekgotleng la motse wa gagwe a re:

11“Nnyaya, morena, nkutlwe! Naga eo ke a e go naya, le logaga lo lo mo go yona ke a lo go naya; ke lo go naya fa pele ga banna ba morafe wa ga etsho. Fitlha moswi wa gago.”

12Ke fa Aborahame a ikoba fa pele ga beng ba naga eo;

13a ba a raya Eferone mo ditsebeng tsa beng ba naga eo a re: “Ee, fa wena o rata ke e reka, ka thapelo nkutlwe, ke lefele naga eo ka selefera, e amogele mo go nna. Foo ke tla fitlha moswi wa me teng.”

14Eferone a fetola Aborahame, a mo raya a re:

15“Morena, nkutlwe, naga ya dišekele di le 400 tsa selefera ke eng fa gare ga me le wena? Fitlha moswi wa gago fela.”

16Aborahame a utlwana le Eferone. Aborahame a lekanyetsa Eferone selefera e a e boletseng mo ditsebeng tsa Bahethe, e bong dišekele di le 400 tsa selefera, tse e neng e le madi a sebaka sele.

17Ga tlhomamisiwa jalo gore naga ya ga Eferone e e kwa Makapela e e lebaganyeng le Mamere, naga eo le logaga lo lo mo go yona le ditlhare tsotlhe tse di mo nageng eo, ka fa molelwane o supang ka teng,

18ke ya ga Aborahame; o e rekile mo matlhong a Bahethe botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng la ga gabo ka letsatsi leo.

19Morago ga moo Aborahame a fitlha Sara, mosadi wa gagwe, mo logageng lwa naga eo ya Makapela e e ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere, yo e leng Heberone mo lefatsheng la Kanana.

20Naga eo le logaga lo lo mo go yona ya tswa jalo mo go Bahethe ya nna felo ga mabitla oora Aborahame.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help