DOITERONOMIO 24 - Setswana 1970(TSW70)

Lokwalo lwa tlhalo

1“E re fa monna a tsaya mosadi, a mo nyala, mme ka moso mosadi a sa mo kgatlhe, ka a bonye sengwe sa ditlhong mo go ene, a a mo kwalele lokwalo lwa tlhalo, a lo mo neele seatleng, a mo nee tsela, mme a mo tswele ka lapa.

2Jaanong fa mosadi a tswa mo ntlong ya gagwe, a ya a nyalwa ke monna yo mongwe,

3mme le monna wa bobedi a mo ila, a mo kwalela lokwalo lwa tlhalo, a lo mo neela seatleng, a mo naya tsela, mme a mo tswela ka lapa, gongwe fa monna wa bobedi yo o mo tsereng a swa,

4monna wa ntlha wa gagwe yo o mo tlhadileng ga a tshwanela go mo tsaya gape go nna mosadi wa gagwe, ka mosadi a itshekologile. Gonne moo ke maila fa pele ga Morena. Lefatshe le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang go nna boswa, o se ka wa le tsenya mo molatong.

Melao e mengwe

5“E re fa e le gona monna a tsayang mosadi, a se ka a bolola mophatong, le gona a se ka a kuiwa go dira tiro nngwe, mme a gololesegele lapa la gagwe ngwaga o le mongwe, a itumele le mosadi wa gagwe yo a mo tsereng.

6“A go se ka ga tsewa lelwala le tshilo go nna peeletso ya molato, le fa e le tshilo fela; gonne go dira jalo ke go beeletsa ka botshelo.

7“E re fa mongwe a fitlhelwa a utswile motho wa ba ga gabo wa Baiseraele a mo tshola ka setlhogo gongwe a mo rekisa, a legodu leo le swe. O tlose bosula jalo mo go wena.

8“Itiseng mo bolwetseng jwa lepero, lo tlhokomele thata go dira fela jaaka baperesiti ba Balefi ba lo ruta; lo tlhokomele go dira jaaka ke ba laetse.

9Gopolang se Morena, Modimo wa lona, o se diretseng Miriame mo tseleng jale fa lo tswa kwa Egepeto.

10“E re fa o adima mongwe-ka-wena sengwe, o se ka wa tsena mo ntlong ya gagwe go itseela peeletso,

11mme o eme ka fa ntle, mme ene yo o mo adimileng a go ntshetse peeletso kwa ntle.

12Mme fa e le mohumanegi, o se ka wa lala ka peeletso ya gagwe,

13mme bogolo o mmusetse peeletso fa letsatsi le phirima, gore a robale mo kobong ya gagwe, a go tshegofatse. Moo e tla nna tshiamo mo go wena fa pele ga Morena, Modimo wa gago.

14“O se ka wa gatelela modiri yo o rapetsweng tuelo wa mmogisegi le mohumanegi, le fa e le wa ba ga eno gongwe wa baeng ba gago ba ba mo lefatsheng la gago mo metseng ya ga eno,

15mme o mo nee tuelo ya gagwe ka letsatsi la teng, letsatsi le ise le phirime; gonne o humanegile, mme pelo ya gagwe e e nyoretswe, e se re gongwe a goela Moreneng ka ntlha ya gago, mme ga nna boleo mo go wena.

16“A borra-bana ba se ka ba bolawa ka ntlha ya bana, le bana ba se ka ba bolawa ka ntlha ya borraabo, mme mongwe le mongwe a bolawe ka ntlha ya boleo jwa gagwe.

17“O se ka wa kgopamisa tshiamelo ya moeng gongwe ya lesiela le e seng go tsaya seaparo sa motlholagadi go nna peeletso.

18Mme o gopole fa o ne o le motlhanka kwa Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go golola, a go hudutsha teng; ke ka moo ke go laelang go dira jalo.

19“E re fa o robile thobo ya gago kwa tshimong ya gago, mme wa lebala ngata kwa tshimong, o se ka wa boela teng go e tsaya; a e nne ya moeng gongwe ya lesiela gongwe ya motlholagadi gore Morena, Modimo wa gago, a tle a go tshegofatse mo ditirong tsotlhe tsa diatla tsa gago.

20E re fa o sena go tlhotlhora setlhare sa olefa sa gago, o se ka wa boela, wa batlabatla maungo mo dikaleng; a a setseng a e nne a moeng gongwe a lesiela gongwe a motlholagadi.

21E re fa o fudile tshimo ya moweine ya gago, o se ka wa boela wa ronopa; a maronopo e nne a moeng gongwe a lesiela gongwe a motlholagadi.

22O gopole fa o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto; ke ka moo ke go laelang go dira jalo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help