JOBE 18 - Setswana 1970(TSW70)

Go bua Biletate

1Ga fetola Biletate wa Sua a re:

2“O tla fetsa leng go buabua?

Ikakanye pele, nte go bue rona!

3Ke ka ntlha ya eng,

fa re kaiwa jaaka kgomo fela,

fa re le dieleele

mo matlhong a lona?

4Fa o ikgarolaka

mo bogaleng jwa gago:

A lefatshe le tla tlogelwa

ka lebaka la gago?

A lefika le ka suta

mo mannong a lone?

5Nnyaya!

Lesedi la moikepi

le tla tima;

kgabo ya molelo wa gagwe

ga e bonese.

6Lesedi la lelapa la gagwe

le a fifala;

lobone lwa gagwe

lo tima godimo ga gagwe.

7Dikgato tsa go gwanta ga gagwe

di tla koafala,

mme maano a gagwe

a tla mo diga.

8Gonne o isiwa letloeng

ke maoto a gagwe;

o itsamaela mo godimo

ga digopo.

9Mutlwane o mo tshwara

seretheng;

seru se a mmofa.

10Segole o se thaetswe

ka mo mmung;

le gona o thaiwa mo tseleng.

11Ditherego di mo tshosa

mo ntlheng tsotlhe;

di mo tebela di ntse

di mo setse morago.

12Tatlhego e mo meletsa mathe;

kotsi e baakantswe go mo diga.

13Motsalwapele wa loso o tla ja

dibatanyana tsa letlalo la gagwe;

o tla ja ditokololo tsa gagwe.

14O tla kumolwa mo lapeng

la gagwe le a neng a le ikanya;

o tla isiwa kwa kgosing

ya ditherego.

15Dilo tse e seng tsa gagwe

di tla nna mo lapeng la gagwe;

go tla gasiwa sebabole

mo nageng ya gagwe.

16Go tla omelela medi ya gagwe

ka kwa tlase;

dikala tsa gagwe di tla swaba

kwa godimo.

17Ga a tlhole a gopolwa

mo fatsheng;

ga a na leina le le umakwang

mo mebileng.

18Ba mo ntsha mo leseding,

ba mo kobela kwa lefifing;

ba mo leleka mo lefatsheng.

19Ga a na ngwana,

le fa e le setlogolo

mo morafeng wa ga gabo;

ga a na lesalela

fa a neng a phela teng.

20Ka ntlha ya letsatsi la tatlhego

ya gagwe go tla rerega

ba bophirimatsatsi,

le ba botlhabatsatsi

ba tshwarwa ke letshogo.

21Ee, ke tsona tseo fela tse di

dirafalelang malapa a basenyi;

ke tsa ga gabo

yo o sa itseng Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help