DIPESALEME 107 - Setswana 1970(TSW70)

KAROLO YA BOTLHANO, DIPESALOME 107 – 150Tebogo ya ba ba golotsweng

1Lebogang Morena,

gonne o molemo;

gonne bopelontle jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

2A ba ba golotsweng ke Morena

ba bue jalo,

ba o ba golotseng

mo seatleng sa mopatiki,

3a ba phutha kwa mafatsheng,

kwa botlhabatsatsi

le kwa bophirimatsatsi,

kwa bokone le kwa lewatleng.

4Ba ba neng ba kgarakgatshega

kwa sekakeng mo gare ga naga,

ba sa bone tsela

e e yang kwa motseng

o ba ka agang mo go ona;

5ba tshwerwe ke tlala le lenyora,

mewa ya bona e felelwa

mo teng ga bona,

6mme ba goela Moreneng,

ba le mo tlalelong,

mme a ba golola mo dipitlaganong

tsa bona,

7a ba tsamaisa mo tseleng

e e leng yona

gore ba fitlhe mo motseng

o ba ka agang mo go ona:

8Bona bao a ba lebogele Morena

bopelotlhomogi jwa gagwe

le dikgakgamatso tsa gagwe

tse a di diretseng bana ba batho,

9ka a kgalolositse mowa

o o nyorilweng,

a jesa mowa o o tshwerweng

ke tlala tse di molemo.

10Ba ba neng ba dutse mo lefifing

le mo moriting wa loso

ba golegilwe ka tlalelo le tshipi,

11ka ba ne ba rukhutlhegetse

mafoko a Modimo,

ba nyatsa kgakololo

ya Mogodimodimo;

12ba o neng a kokobetsa

dipelo tsa bona ka tapisego,

ba kgopiwa go se na mothusi;

13ya baa gona ba goelang

Moreneng, ba le mo tlalelong,

mme a ba golola

mo dipitlaganong tsa bona;

14a ba ntsha mo lefifing

le mo moriting wa loso,

a kgaola dikgole tsa bona:

15A bao ba lebogele Morena

bopelotlhomogi jwa gagwe

le dikgakgamatso tsa gagwe

tse a di diretseng bana ba batho,

16ka a thubile ditswalo tsa kgotlho,

a roba mephakarego ya tshipi.

17Ba e neng e le masilo ka ntlha

ya tsamao ya bona mo ditlolong,

ba bogisiwa ka ntlha

ya melato ya bona,

18mo ba neng ba tenwa

ke dijo tsotlhe,

ba le gaufi le go swa;

19ya baa gona ba goelang Moreneng,

ba le mo tlalelong,

mme a ba golola

mo dipitlaganong tsa bona;

20a romela lefoko la gagwe,

a ba fodisa,

a pholosa maphelo a bona

mo mabitleng:

21A bao ba lebogele Morena

bopelotlhomogi jwa gagwe

le dikgakgamatso tsa gagwe

tse a di diretseng bana ba batho;

22a ba tsise ditlhabelo tsa tebogo,

ba bolele ditiro tsa gagwe

ka tuduetso.

23Ba ba neng ba tsamaya

mo lewatleng ka dikepe,

ba bapala mo metsing a magolo,

24ke bona ba ba bonyeng

ditiro tsa Morena

le dikgakgamatso tsa gagwe

mo botennye.

25A laela, a fokisa phefo ya ledimo,

la gogomosa dintelo tsa lewatle.

26Ba akgolelwa kwa godimo

le kwa tlase,

ba nyema moko mo tlalelong;

27ba ne ba theekela,

ba kgokgweetsega jaaka letagwa,

ba felelwa ke maano otlhe.

28Ba goela Moreneng,

ba le mo tlalelong,

mme a ba golola mo dipitlaganong

tsa bona,

29a kokobetsa ledimo,

la nna phefonyana fela,

makhubu a lewatle a kokobela;

30mme ba itumelela

go kokobela ga ona,

mme a ba fitlhisa kwa

bogorogelong jwa dikepe

jo ba bo tlhologeletsweng:

31A bao ba lebogele Morena

bopelotlhomogi jwa gagwe

le dikgakgamatso tsa gagwe

tse a di diretseng bana ba batho;

32a ba mo godise

mo phuthegong ya morafe,

ba mmoke mo pitsong ya bagolo.

33Dinoka o di fetotse sekaka,

le metswedi ya metsi a e dira

naga e e omileng.

34Lefatshe le le bogale

o le fetotse magalaopa

ka ntlha ya boikepo

jwa baagi ba lone.

35Sekaka o se fetotse letsha la metsi,

le naga e e omileng

a e dira metswedi ya metsi.

36Ba ba bolawang ke tlala

a ba baya teng,

mme ba aga motse

o ba ka nnang mo go ona.

37Ba jwala masimo,

ba tlhoma ditlhare tsa moweine,

ba fula maungo, ba kotula.

38Mme a ba tshegofatsa,

ba be ba ntsifala thata;

diruiwa tsa bona

a se ka a di fokotsa.

39Ba boela ba fokotsega,

ba kokobediwa ke bokete

jwa botlhoko le khutsafalo.

40Yo o goromeletsang nyatsego

mo batlotleging,

a ba kgarakgatsha sekakeng

mo go se nang tsela;

41ene o ne a ntsha mohumanegi

mo tlalelong, a mo godisa,

a dira ditshika tse di tshwanang

le difutshane ka bontsi.

42Moo go bona ba ba nang le nnete,

ba itumela;

boikepo jotlhe bo ithibile molomo.

43Yo o botlhale ke mang?

A a tlhokomele dilo tse,

a ele ditiro tsa bopelotlhomogi

jwa Morena tlhoko.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help