DIANE 10 - Setswana 1970(TSW70)

Diane tsa mefutafuta tsa ga Salomo

1Diane tsa ga Salomo. Ngwana yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme ngwana yo o bosilo o hutsafatsa mmaagwe.

2Dikhumo tsa tshiamololo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong.

3 Morena ga a bolaise mosiami tlala, mme keletso ya moikepi o e kgoromeletsa kwa morago.

4Seatla sa motlapa se a humanegisa, mme diatla tsa ba ba tlhaga di a humisa.

5Ngwana yo o maatlametlo o phutha dijo selemong. Yo o robalang go kotulwa ke yo o tlhabisang ditlhong.

6Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.

7Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la baikepi le a nyelela.

8Yo o pelo e botlhale o amogela ditaolo, mme yo o molomo o bosilo o tla digwa.

9Yo o sepelang ka boitekanelo o tsamaya a le mo tshireletsong; yo o sokamisang ditsela tsa gagwe o tla lemogiwa.

10Yo o tswitlang ka leitlho o tsisa bohutsana; mme yo o kgalemelang molato a sa tshabe motho o dira kagiso.

11Molomo wa mosiami ke motswedi wa bophelo; mme melomo ya baikepi e fitlha kgatelelo.

12Letlhoo le tsosa phapaang, mme lorato lo bipa maleo otlhe.

13Go fitlhelwa botlhale mo molomong wa motlhalefi, mme thupa e tshwanetse motlhana wa yo o se nang tlhaloganyo.

14Ba ba botlhale ba ipolokela kitso, mme molomo wa seeleele o atametsa tlalelo.

15Tse mohumi o nang natso ke motse o o thata wa gagwe; mme tatlhego ya ba ba botlana ke khumanego ya bone.

16Tse mosiami o di itiretseng di a mo phedisa; tse moikepi o di bonang di a mo leofisa.

17Yo o elang kotlo tlhoko o mo tseleng e e yang mo bophelong; mme yo o tlhokomologang kgalemelo o a timela.

18Melomo ya maaka e fitlha letlhoo, moutlwatsa-tshele ke lesilo.

19Bontsi jwa mafoko ga bo tlhoke boleo, mme yo o itshwarang molomo o botlhale.

20Loleme lwa mosiami ke selefera e e tlhaotsweng; tlhaloganyo ya moikepi ga se ya sepe.

21Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi, mme dieleele di tla swa ka go tlhoka tlhaloganyo.

22Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.

23Go dira tse di tlhabisang ditlhong go kgatlha seeleele; mme monna yo o nang le tlhaloganyo o kgatlhwa ke botlhale.

24Se moikepi o se tshabang se tla mo wela; se basiami ba se eletsang Modimo o tla se ba naya.

25E a re fa ledimo le feta, moikepi a ye le lone; mme mosiami o theilwe mo motheong o o sa khutleng.

26Tse botlha bo di dirang mo menong, tse musi o di dirang mo matlhong, ke tse motlapa o di direlang ba ba mo romileng.

27Go boifa Morena go oketsa malatsi a bophelo; mme dinyaga tsa baikepi di tla fokodiwa.

28Tsholofelo ya basiami e isa mo boitumelong; tse baikepi ba di letileng di a nyelela.

29Tsela ya Morena ke phemelo ya morapedi, mme e isa badiri ba boithamako mo tatlhegong.

30Mosiami ga a kitla a reketla ka bosakhutleng, mme baikepi ga ba kitla ba nnela ruri mo lefatsheng.

31Molomo wa mosiami o tlhogisa botlhale, mme loleme lwa bolotsana lo tla kumolwa.

32Molomo wa mosiami o itse tse di natefang; melomo ya baikepi e itse tsa bolotsana fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help