1 Morena ke kgosi,
o apere borena.
Morena o apere,
o itlamile ka bonatla.
Lefatshe le lone o le thaile
gore le se ka la tshikinyega.
2Sedulo sa gago sa bogosi se sa le
se tlhomama bogologolo tala.
Wena o ntse o le teng
ka bosenatshimologo.
3 Morena, dinoka di tsholeditse,
dinoka di tsholeditse
kgwaso ya tsona;
dinoka di tsholetsa
mosumo wa tsona.
4 Morena mo bogodimong
o thata go gaisa kgwaso
ya metsi a magolo
le dintelo tse dikgolo tsa lewatle.
5Ditshupo tsa gago
di ikanyega gotlhe;
Ntlo ya gago, Morena,
e tshwanetswe ke boitshepo
ka metlha yotlhe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
