SEFELA SA DIFELA 1 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa ntlha Mafoko a mosadi

1Sefela sa Difela sa ga Salomo.

2A a nkatle ka dikatlo

tsa molomo wa gagwe!

Ee, lorato lwa gago lo monate

bogolo go weine.

3Monko wa ditlolo tsa gago

o monate.

Leina la gago le tshwana

le setlolo se itshetsweng.

Ke ka moo makgarebe

a go ratang.

4Nkgoge, ke go sale morago,

a re siane!

A kgosi e nkise

mo matlwaneng a yona.

Re tla duduetsa, re go itumelela,

re boka lorato lwa gago

bogolo go weine.

Makgarebe a go rata

ka tshwanelo.

5Lona bomorwadia Jerusalema,

ke morokwa,

mme ke montle

jaaka ditente tsa Ketare,

jaaka masire a ga Salomo.

6Se ntebeng ka ke le morokwa!

Kana letsatsi le mphisitse.

Bokgaitsadiake

ba ne ba nkgakaletse,

ba nthoma

go leta masimo a moweine.

Mme tshimo ya me ya moweine

ga ke a e disa.

7Wena yo pelo ya me e go ratang,

mpolelele gore o fudisa kae,

o bothisa kae motshegare?

Gonne ke ka ntlha ya eng

fa nka nna moiphitlhi

mo matlhapeng a balekane ba gago?

Mafoko a monna

8Fa o sa itse,

wena yo montlentle

mo basading,

tswaya o latele metlhala ya dinku

o fudise dipotsane tsa gago

kwa mekgorong ya badisa.

9Moratiwa wa me,

ke go tshwantshanya

le pitse nngwe ya tse di gogang

dikoloi tsa ga Farao.

10Marama a gago a mantle

ka mokgabo wa dikeetane

le molala wa gago ka dibaga.

11Re tla go direla

dikeetane tsa gouta

tse di nang le dikgotlhwana

tsa selefera.

Mosadi

12Ya re kgosi e ntse e le fa dijong,

setlolo sa me

sa utlwatsa monko wa sona.

13Morati wa me

ke kgetsana ya mera mo go nna

e e lalang fa gare ga mabele a me!

14Morati wa me ke dithunya

tse di nkgang monate mo go nna

tse di mo masimong a moweine

a Engedi.

Monna

15Ruri, o montle, moratiwa wa me!

Ruri, o montle. Matlho a gago

a tshwana le a maeba.

Mosadi

16Ruri, o montle, morati wa me!

Ee, o a ratega;

bolao jwa rona bo mo botaleng.

17Ditlhomeso tsa ntlo ya rona

ke mesetere;

kapeso ya dipota tsa rona

ke mesiperese.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help