DIPESALEME 43 - Setswana 1970(TSW70)

Go solofela mo Modimong

1Nkatlhole, Modimo,

o nkemele mo tshekong ya me

le batho ba ba se nang lorato,

o nkgolole mo bathong ba tsietso

le ba tshiamololo.

2Gonne ke wena Modimo

wa botshabelo jwa me.

Mme o ntatlhetseng?

Ke ka ntlhaang,

fa ke tsamaya ke hutsafetse

ka go bogisiwa ke mmaba?

3Romela lesedi la gago

le boammaaruri jwa gago;

a di nkgoge, di nkise kwa thabeng

ya gago e e boitshepo

le kwa maagong a gago

4gore ke fitlhe kwa aletareng

ya Modimo,

kwa Modimong wa boitumelo

jwa me jo bo ntuduedisang,

le go go baka ka harepa, Modimo,

Modimo wa me.

5O obegetseng, mowa wa me,

o huduegelang mo teng ga me?

Solofela mo Modimong;

gonne ke tla ba ke o leboga

ka e le ona thuso ya sefatlhego

sa me le Modimo wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help