HESEKIELE 19 - Setswana 1970(TSW70)

Selelo ka ga dikgosi Joahase le Joyagine le Setekia

1“Mme wena, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga babusi ba Iseraele

2o re:

“ ‘Kana mmaago e ne e le tau

e namagadi mo gare ga ditau;

a botha mo gare ga ditawana,

a godisa bana ba gagwe.

3A godisa mongwe wa bana

ba gagwe, ya nna tawana;

ya ithuta go garola

se e se tshwereng, ya ja batho.

4Ke fa ditšhaba di e tlhabela

mokgosi go e tsoma;

tsa e tshwara ka gopo ya tsona;

tsa e isa kwa lefatsheng

la Egepeto e golegilwe.

5Jaanong ya re mmaayo a bona

gore o letetse lefela,

mme tsholofelo ya gagwe

e nyelela,

a tsaya yo mongwe wa bana

ba gagwe, a mo dira tawana.

6Ya itsamaela mo gare ga ditau,

ya nna tawana;

ya ithuta go garola

se e se tshwereng, ya ja batho.

7Ya senya matlo a borena a bone,

ya fetola metse ya bone marope;

lefatshe le tsotlhe

tse di mo go lone

tsa rerega ka modumo wa yona.

8Ke fa ditšhaba

tse di mo tikologong

di e phuthegela go e tsoma,

di tswa mo mafatsheng a tsona,

tsa e tsharololela letloa la tsona,

ya tshwarwa mo gopong

ya tsona.

9Tsa e tsenya mo serobing

ka dikgole,

tsa e isa kwa kgosing ya Babele,

ya ya mo kgolegelong,

gore modumo wa yona

o se ka wa tlhola o utlwala

mo dithabeng tsa Iseraele.

10E rile o tsalwa,

mmaago a tshwana le moweine

o o tlhomilweng fa metsing;

wa ungwa,

wa tlhoga dikala sentle

ka ntlha ya metsi a mantsi.

11Wa tlhoga kala e e tiileng,

e e ka nnang tsamma ya bogosi;

ya golela kwa godimo

mo gare ga dikala;

ya itshupa ka bogolo jwa yona

le ka dikalana tsa yona.

12Mme wa kumolwa kgalefong,

wa digelwa fa fatshe;

phefo ya botlhabatsatsi

ya o swabisa;

maungo a ona a phamolwa;

kala e e tiileng ya ona ya swaba,

ya jewa ke molelo.

13Mme jaanong o tlhomilwe

mo sekakeng,

mo nageng e e lokgere

ya lenyora.

14Molelo wa tswa mo kaleng

ya ona,

wa ja dikalana tsa ona

le maungo a ona;

wa bo o se na kala e e tiileng

go ka nna tsamma ya bogosi.’ ”

Ke mokgosi wa selelo, wa ba wa nna sefela sa selelo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help