DIANE 1 - Setswana 1970(TSW70)

Mosola wa diane

1Diane tsa ga Salomo morwa Dafita, kgosi ya Iseraele.

2Ke tsa go itse botlhale le ngwao, tsa go tlhaloganya mafoko a temogo

3gore motho a amogele tlhagiso e e tlhalefisang le tshiamo le molao le tsa nnete

4gore ba ba iseng ba tlhalefe ba newe thuto, makau a newe kitso le kelelelo –

5Yo o botlhale o tla di utlwa, a ba a okelediwa kitso; yo o fatlhogileng o tla bona dikgakologelo tse di molemo –

6gore a tlhaloganye diane le ditshwantsho le mafoko a ba ba botlhale le dinyepo tsa bone.

Makau a a gakololwa

7Go boifa Morena ke tshimologo ya kitso. Masilo a nyatsa botlhale le maitsholo.

8Morwaaka, utlwa taelo ya ga rraago; se tlhokomologe thuto ya ga mmaago!

9Gonne tsona ke serwalo se sentle mo tlhogong ya gago le sebaga sa mokgabo mo molaleng wa gago.

10Morwaaka, fa baleofi ba go raela, o gane.

11Fa ba re: “Tlaya le rona, re lalele motho go tsholola madi, re ratele go bolaya yo o se nang molato ka bomo;

12re metse ba ba phelang jaaka felo ga baswi le ba ba itekanetseng jaaka ba ba fologelang kwa lebitleng.

13Re tla bona dithoto tsa mefutafuta tsa tlhwatlhwa e kgolo; re tla tlatsa matlo a rona ka thopo.

14Utlwana le rona! Re tla tlhakanela kgetsana ya madi mmogo.”

15Morwaaka, se tsamae nabo mo tseleng! Iletsa dinao tsa gago ditselana tsa bone!

16Gonne maoto a bone a sianna kwa bosuleng, a itlhaganelela go tsholola madi.

17Ee, letloa le le thaisang dinonyane tsa mefutafuta fa pele ga matlho a tsona le alelwa lefela.

18Mme bone bao ba lalela madi a bone ka bosi, ba batla go itshenyetsa maphelo ka bosi.

19Ke tsona ditsela tsa botlhe ba ba batlang kgwebo ya tshiamololo: yona e tla amoga beng ba yona bophelo.

Botlhale bo a re bitsa

20Botlhale bo kuela godimo mo mebileng; bo utlwatsa lentswe la jona mo dipatlelong.

21Bo tlhaba mokgosi bo le mo godimo ga dipota; bo bolela mafoko a jona mo mejakong ya dikgoro tsa motse:

22Bo re: “Lona ba lo sa tlhalefang lo tla rata go se tlhalefe go fitlha leng? Basotli ba tla khutla leng go kgatlhwa ke ditshotlo? Masilo a tla lesa leng go tlhoa kitso?

23Retologelang kwa kgalemelong ya me! Bonang, ke tla lo ntshetsa mowa wa me, ke lo itsise mafoko a me.

24E re ka ke biditse, mme lwa gana; ke otlolotse letsogo, mme ga se ka ga tlhokomela ope;

25ka lo tlhokomologile kgakololo ya me yotlhe, mme lwa se ka lwa rata kgalemelo ya me:

26Ka moo le nna ke tla tshega tatlhego ya lona, ke sotla, fa lo tlelwa ke therego;

27fa therego e lo tlela jaaka tumo ya maru, fa tatlhego ya lona e tla jaaka ledimo, fa tlalelo le pitlaganyo di lo wela.

28Foo ba tla mpitsa, mme ga nke ke araba; ba tla mpatla, mme ga ba nke ba mpona.

29E re ka ba tlhoile kitso, ba se ka ba itlhaolela go boifa Morena;

30ka ba se ka ba rata kgakololo ya me, mme ba nyatsa kgalemelo ya me yotlhe:

31Ke ka moo ba tshwanetseng go bolawa ke se ba se jeleng, le go kgora bosula jwa maano a ba a logileng.

32Gonne boikepo jwa ba ba sa tlhalefang bo a ba bolaya; go se kgathale sepe ga dieleele go di isa mo tatlhegong.

33Mme yo o nkutlwang o tla nna mo tshireletsong; o tla bo a iketlile a sa boife bosula.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help