DIPESALEME 88 - Setswana 1970(TSW70)

Selelo sa motlhoboga-thuso

1Sefela. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Bolwetse”. Sefela sa thuto sa ga Hemane, oora Esera.

2 Morena, Modimo wa thuso ya me,

ke goela go wena

bosigo le motshegare.

3A thapelo ya me

e fitlhe fa go wena;

sekegela selelo sa me tsebe.

4Gonne pelo ya me

e tennwe ke dipogo;

bophelo jwa me

bo atametse felo ga baswi.

5Ke setse ke balelwa

le ba ba fologelang mo lebitleng,

ke tshwana le monna

yo o se nang thata.

6Ke laditswe le baswi,

jaaka ba ba bolailweng

ba letse mo diphupung,

ba o sa tlholeng o ba gopola,

ka ba kgaogantswe

le letsogo la gago.

7O mpeile kwa tlasetlase moleteng,

mo mafifing, mo matennye.

8Bogale jwa gago bo nkimetse,

o nkgateletse

ka merwalela ya gago yotlhe. Sela.

9Ba ke itsanyeng sentle nabo

o ba tlositse fa go nna;

o ntirile seila sa bona;

ke tswaletswe,

ke palelwa ke go tswela kwa ntle.

10Leitlho la me le felelela ka pogo.

Ke ntse ke go bitsa.

Morena,

ka letsatsi lengwe le lengwe

ke go tsholeletsa mabogo.

11A o tla dira dikgakgamatso

mo baswing;

gongwe ba ba suleng

a ba tla tsoga ba go baka? Sela.

12A bopelothomogi jwa gago

bo ka bolelwa mo phupung,

gongwe boikanyego jwa gago

kwa Felong ga baswi?

13Dikgakgamatso tsa gago

a di ka itsege mo lefifing,

gongwe tshiamo ya gago

mo lefatsheng la tebalo?

14Mme nna, Morena,

ke goela go wena,

thapelo ya me e tla go wena,

e sa le moso.

15 Morena,

o latlhelang mowa wa me,

o mphitlhelelang

sefatlhego sa gago.

16Ke tlaletswe, ke wa go swa

go tswa bokaung jwa me;

ke rwele dipoitshego tsa gago,

ke batla go tlhoboga.

17Bogale jwa gago bo nkwetse;

dipoitshego tsa gago di nnyeleditse;

18di ntikanyeditse

jaaka metsi letsatsi lotlhe,

di ntikile gotlhegotlhe.

19O tlositse moratiwa

le tsala fa go nna,

lefifi ke lone tsala ya me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help