DIPESALEME 136 - Setswana 1970(TSW70)

Bopelontle jwa Morena

bo ka bosakhutleng

1Lebogang Morena,

gonne o molemo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

2Lebogang Modimo wa medimo;

gonne bopelotlhomogi jwa ona

ke jo bo sa khutleng.

3Lebogang Morena wa barena;

gonne bopelothomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

4Ena yo o dirang

dikgakgamatso tse dikgolo a le esi;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

5Yo o dirileng legodimo ka botlhale;

gonne bopelothomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

6Yo o ngamotseng lefatshe

godimo ga metsi;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

7Yo o dirileng masedi a magolo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

8Letsatsi go laola motshegare;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

9Ngwedi le dinaledi go laola bosigo;

gonne bopelothomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

10Yo o iteileng Baegepeto

ka go bolaya maitibolo a bona;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

11A ntsha Iseraele mo gare ga bona;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng;

12ka seatla se se thata le ka letsogo

le le otlologileng;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

13Yo o kgaogantseng

Lewatle le Lehibidu ka bogare;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

14A tshedisa Iseraele fa gare ga lone;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

15Mme a digela Farao

le mephato ya gagwe

mo Lewatleng le Lehibidu;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

16Yo o ne a ralatsa batho ba gagwe

dikaka;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

17Yo o fentseng dikgosi tse dikgolo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

18A bolaya dikgosi tse di tumileng;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

19Sihone, kgosi ya Baamori;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng;

20le Oge, kgosi ya Basane;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

21Mme a aba lefatshe la bona

go nna boswa;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng;

22go nna boswa jwa ga Iseraele,

motlhanka wa gagwe;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

23Yo o re gopotseng mo bobotlaneng

jwa rona;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

24A re swatola

mo go ba ba re pitlagantseng;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

25Yo o fang ditshedi tsotlhe dijo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

26Lebogang Modimo wa magodimo;

gonne bopelotlhomogi jwa ona

ke jo bo sa khutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help