1 BAKORINTHE 7 - Setswana 1970(TSW70)

Karabo ya dipotso tsa Bakorinthe ka ga nyalo

1Jaanong fa e le tse lo di nkwaletseng, ka re: Go molemo mo monneng, fa a sa ame mosadi.

2Mme ka go tshaba boaka a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.

3A monna a nee mosadi se e leng tshwanelo, le ene mosadi a dire jalo mo monneng.

4Mosadi ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke monna; jalo le monna ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke mosadi.

5Lo se ikgogonelane, fa e se ka tumelano ka sebakanyana, gore lo nne le nako ya go rapela; lo be lo kopane gape gore Satane a se lo raele, ka lo palelwa ke go itshwara.

6Mme ke bua jalo ka tetlelelo, e seng ka taolo.

7Gonne ke eletsa gore e kete batho botlhe ba ka bo ba ntse jaaka nna. Fela mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang mo Modimong, yo mongwe jaana, yo mongwe ka go sele.

8Mme ba ba iseng ba nyale gongwe go nyalwa, le bone batlholagadi, ke ba raya ke re: Go molemo go bone, fa ba ka nna jaaka nna.

9Le gale fa ba palelwa ke go itshwara, a ba nyale gongwe ba nyalwe; gonne go nyala gongwe go nyalwa go molemo bogolo go go gotela.

10Mme ba ba nyalanyeng bone ba laelwa ke Morena, e seng nna, gore mosadi a se ka a tlhala monna,

11– mme fa a mo tlhadile, a a nne fela a sa nyalwa gape; go seng jalo, a a ithuanye le monna wa gagwe – le ene monna a a se tlhale mosadi.

12Ba bangwe nna ke a ba raya, e seng Morena, ka re: Fa modumedi mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme mosadi a dumetse go nna nae, a monna a se mo tlhale.

13Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme monna a dumetse go nna nae, a mosadi a se mo tlhale.

14Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka monna. Fa go ka bo go sa nna jalo, bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile.

15Mme yo o sa dumeleng, fa a tlhala, a a tlhale. Fa go ntse jalo, modumedi wa monna gongwe wa mosadi ga a bofega; Modimo o re bileditse kagisong.

16Gonne, wena mosadi, o itse jang gore o ka pholosa monna? Gongwe wena monna, o itse jang gore o ka pholosa mosadi?

17Fela a mongwe le mongwe a tsamae ka fa Morena a mo abetseng ka teng, le ka fa Modimo o mmiditseng ka teng. Ke laya jalo mo diphuthegong tsotlhe.

18Yo o biditsweng a rupile a a se eletse go sa rupeng; yo o biditsweng a sa rupa a a se rupe.

19Thupiso ga se sepe, le go sa rupang ga se sepe; se segolo ke go tlhokomela ditaolo tsa Modimo.

20A mongwe le mongwe a sale mo maemong a o biditsweng a le mo go ona.

21Fa o biditswe o le motlhanka, se ngongorege; mme fa o ka gologa, o go dirise bogolo.

22Gonne yo o biditsweng ke Morena e le motlhanka, ke mogololesegi wa Morena; le gona jalo ene yo o biditsweng a gololesegile, ke motlhanka wa ga Keresete.

23Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; se nneng batlhanka ba batho.

24Ba ga etsho, a mongwe le mongwe a sale fa pele ga Modimo mo maemong a o biditsweng a le mo go ona.

25Ntlheng ya makgarebe gona ga ke na taolo ya Morena, mme ke bolela maikutlo a me, nna yo ke bonyeng kutlwelo-botlhoko ya Morena gore ke nne yo o ikanyegang.

26Jaanong ke bona gore go molemo ka ntlha ya tlalelo ya sebaka seno, go molemo mo mothong go nna ka fa a ntseng ka teng.

27Fa o kopantswe le mosadi, se batle tlhalo; fa o sa kopanngwa le mosadi, se batle mosadi.

28Mme le fa o ka nyala, o tla bo o sa leofe. Le gale, ba ba ntseng jalo ba tla bona makete mo nameng; mme nna ke ne ke rata go lo rekegela.

29Ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nako e khutshwane; mme e bile ka re: Le bone ba ba nang le basadi, a ba nne jaaka e kete ga ba na nabo.

30Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe;

31le ba ba dirisang tsa lefatshe leno, a ba nne jaaka e kete ga ba di dirise; gonne popego ya lefatshe leno e a feta.

32Mme ke rata gore lo nne lo se na tshwenyego. Yo o sa nyalang o tlhokomela tsa Morena ka fa a ka kgatlhang Morena ka teng.

33Yo o nyetseng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang mosadi ka teng.

34Mosadi ga a tshwane le lekgarebe; yo o sa nyalwang o tlhokomela tsa Morena, gore a nne boitshepo ka fa mmeleng le ka fa moweng; mme yo o nyetsweng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang monna ka teng.

35Ke bua jalo gore go nne molemo go lona ka losi, e seng gore ke lo tshware ka segole, mme e le gore lo nne mo Moreneng ka maitsholo a mantle le ka tlhomamo, go se na kgoreletsego.

36Fa monna mongwe akanya gore ga a itshware sentle mo kgarebaneng e a e beeleditseng, mme a palelwa ke go itshokela lobaka la peeletso, a dire se a se batlang, a a mo nyale, ga a leofe.

37Mme monna yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa pitlaganngwe ke sepe, mme a na le boitaolo ka ga go rata ga gagwe, mme fa a tlhomamisitse mo pelong ya gagwe, gore o tla ikganelela kgarebane ya gagwe e a e beeleditseng, o tla bo a dira sentle.

38Mme ka jalo, monna yo o nyalang kgarebane ya gagwe e a e beeleditseng, o dira sentle; mme yo o sa e nyaleng pele ga lobaka la peeletso le wela, o dira sentle go gaisa.

39Mosadi o golegilwe ka molao, fa monna wa gagwe a sa ntse a tshela; mme fa monna wa gagwe a sule, o tla bo a letleletswe go nyalwa ke yo mosadi a mo ratang, fela e nne mo Moreneng.

40Mme ka fa maikutlong a me o sego bogolo, fa a ka nna fela jaaka a ntse, mme ke gopola gore le nna ke na le Mowa wa Modimo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help