DIPESALEME 47 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o tlhatloga ka tuduetso

1Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2Lona merafe yotlhe, opang diatla,

dudueletsang Modimo

ka kopelo ya maipelo!

3Gonne Morena Mogodimodimo

o a boitshega;

ke kgosi e kgolo

mo lefatsheng lotlhe.

4O digela merafe fa tlase ga rona

le ditšhaba fa tlase

ga dinao tsa rona.

5O re tlhophela boswa jwa rona,

boipelafalelo jwa ga Jakobe

yo a mo ratileng. Sela.

6Modimo o tlhatloga ka tuduetso,

Morena o tlhatloga

ka tumo ya phala.

7Opelelang Modimo pako,

o opeleleng;

opelelang kgosi ya rona pako,

opelang!

8Gonne Modimo

ke kgosi ya lefatshe lotlhe;

opelang sefela se se utlwalang.

9Modimo o busa merafe;

Modimo o ntse mo sedulong

sa bogosi sa ona se se boitshepo.

10Batlotlegi ba merafe ba phuthegile,

e bong batho

ba Modimo wa ga Aborahame;

gonne dithebe tsa lefatshe

ke tsa Modimo,

o mogolo bogolo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help