HOSEA 3 - Setswana 1970(TSW70)

Bopelotelele jwa Modimo bo tla kgona batho ba ona

1 Morena a nthaya a re: “Yaa gape o rate mosadi wa seaka yo o ratwang ke yo mongwe, jaaka Morena a rata Baiseraele, le fa bone ba fapogela kwa medimong e sele, ba tshwakgotswe ke dinkgwenyana tsa maswabi a moweine.”

2Jaanong ka mo ithekela ka diselefera di le 15 le ka kgetse e le nngwe ya garase le bontlhanngwe jwa yona.

3Ka mo raya ka re: “Ntulele malatsi a mantsi! Se akafale, o se nne le monna ope! Le nna ke tla itshwara jalo ka ntlha ya gago.”

4Gonne Baiseraele ba tla nna fela sebaka se seleele, ba se na kgosi, ba se na kgosana, ba se na setlhabelo, ba se na lentswe le le motloutlo, ba se na khiba ya boperesiti, ba se na medimo ya lelapa.

5Morago ga moo Baiseraele ba tla tlhabologa, ba batla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone; mo sebakeng sa bofelo ba tla atamela Morena le molemo wa gagwe ka thoromo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help