JOBE 14 - Setswana 1970(TSW70)

1“Motho, ngwana wa mosadi,

ke wa malatsi a se kae

o kgora matshwenyego.

2O tlhoga jaaka sethunya,

a ba a swaba;

o tshaba jaaka moriti,

ga a na tlhomamo.

3Mme le fa e le yo o ntseng jalo

o mmudulogetse matlho;

o nkisa tshekong fa pele ga gago.

4Ao! Go ka bo go tswa

yo o phepa

mo go ba ba sa itshekang!

Mme ga a yo,

le e seng a le mongwe.

5E re ka malatsi a gagwe a beilwe,

ka o badile dikgwedi tsa gagwe,

ka o dirile melelwane

e a sa ka keng a e tlola,

6faposa matlho mo go ene

gore a ikhutse go fitlhelela

a thabele letsatsi la gagwe jaaka

yo o direlang tuelo ya letsatsi.

7Gonne setlhare

se na le tsholofelo;

le fa se ka rengwa,

se tla tlhoga gape;

matlhogela a sona

ga a tlhokafale.

8Le fa modi wa sona

o onala mo lefatsheng,

le fa kutu ya sona

e swela mo leroleng,

9fa se utlwa monko wa metsi

se tla tlhoga gape,

se ntsha dikala

jaaka se se tlhomilweng.

10Mme fa monna a swa,

o feleletse;

fa motho a tlhokafetse,

o ka tlhola a nna kae?

11Metsi a fela mo letsheng;

noka e a tšha e kgale:

12Motho o robala jalo,

a se ke a tlhole a tsoga;

ga ba thanye,

ga ba tsosiwe mo borokong

jwa bone go fitlhelela

legodimo le khutle go nna teng.

13Ao! Ga o mpolokeleng mo felong

ga baswi

wa mphitlha teng go fitlhelela

bogale jwa gago bo time;

e kete o ka mpeela sebaka

se o tla nkgopolang ka sona.

14Fa monna yo o swang

a ne a ka phela gape,

foo nka bo ke itshoka ka malatsi

otlhe a kampano ya me

go tsamaya kgololo ya me

e be e tle!

15O ne o tla mpitsa,

mme ke go arabe;

o ka bo o tlhologelelwa sebopiwa

sa seatla sa gago.

16Foo o ne o tla bala

dikgato tsa me,

mme o se ke o tlhokomele

sebe sa me.

17Boleo jwa me bo ka bo

bo tswaletswe kgetsaneng;

molato wa me o ka bo o o bipile.

18Mme thaba le yona, fa e wa,

e a phatlakanngwa;

le lentswe le ka suta

mo felong ga lone.

19Metsi a gotlha mafika,

merwalela ya ona a gogola

mmu wa lefatshe:

Le tsholofelo ya motho

o a e nyeletsa jalo.

20O mo gatelela ka bosakhutleng,

mme o a nyelela;

o fetola sefatlhego sa gagwe,

o mo naya tsela.

21Fa bana ba gagwe ba tlotlega,

ene ga a itse;

fa e le ba ba nyatsegang,

ga a ba tlhokomele.

22Mmele wa gagwe

o utlwa botlhoko fela,

fa o sa ntse o phela;

mowa wa gagwe o hutsafala fela

o sa ntse o le mo nameng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help