LEFITIKO 2 - Setswana 1970(TSW70)

Tshupelo ya dijo

1“ ‘Fa motho a tlisetsa Morena neo ya tshupelo ya dijo, a neo ya gagwe e nne bupe jo bo boleta, a tshele lookwane mo go jona, a be a bee tse di nkgang monate mo go jona.

2A be a e ise kwa go bomorwa Arone, baperesiti, jaanong moperesiti a tabole tse di fisiwang mo go tsona, e bong bupe bo tletse seatla le lookwane lwa teng mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe tsa teng, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.

3Mme tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa ditshupelo tsa molelo tsa Morena.

4“ ‘Mme fa o tlisa neo ya tshupelo ya dijo ya tse di besitsweng mo sebesong a e nne tsa bupe jo bo boleta, e ka nna dinkgwe tse di sa bedisiwang di dubilwe ka lookwane, gongwe dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang di tshasitswe lookwane.

5“ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di gadikilweng mo paneng, a e nne tsa bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane di sa bedisiwa.

6Di ngathoganye dithathana, o tshele lookwane mo go tsona. Tse di jalo ke tshupelo ya dijo.

7“ ‘Mme fa neo ya gago e le tshupelo ya dijo tse di apeilweng mo pitseng, a di dirwe ka bupe jo bo boleta le lookwane.

8Tshupelo ya dijo e e dirilweng ka tseo o e tlisetse Morena, e neelwe moperesiti, mme ene a e ise kwa aletareng.

9Jaanong a moperesiti a tsee tse di fisiwang tsa tshupelo ya dijo, a di fise mo aletareng, e le tshupelo ya molelo ya monko o o monate mo Moreneng.

10Tse di setseng tsa tshupelo ya dijo ke tsa ga Arone le bomorwawe; ke tse di boitshepotshepo tsa melelo ya Morena.

11“ ‘A go se nne tshupelo epe ya dijo e lo e tlisetsang Morena e e dirwang ka tse di bedisitsweng. Lo se ka lwa fisa sepe sa letlhabego le e seng sepe sa mafura a dinotshe go nna tshupelo ya molelo ya Morena.

12Tsona lo ka di tlisetsa Morena e le neo ya mabutswapele, fela di se ka tsa tla mo aletareng go nna monko o o monate.

13Neo nngwe le nngwe ya tshupelo ya dijo ya gago o e loke ka letswai. O se ka wa tlhokisa tshupelo ya dijo ya gago letswai la kgolagano ya Modimo wa gago. Tlisa letswai mmogo le tshupelo nngwe le nngwe ya gago.

14Mme fa o tlisetsa Morena tshupelo ya dijo ya mabutswapele, o tlise diako tse di besitsweng ka molelo gongwe mabele a mašwa a a somotsweng, e le tshupelo ya dijo ya mabutswapele a gago.

15Fela o tshele lookwane mo go yona, o be o bee tse di nkgang monate mo go yona. Le tseo ke tshupelo ya dijo.

16Mme tse di fisiwang tsa yona tsa mabele a a somotsweng le lookwane lwa teng a moperesiti a di fise mmogo le tse di nkgang monate tsotlhe. Tseo ke tshupelo ya molelo ya Morena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help