2 TIMOTHEO 4 - Setswana 1970(TSW70)

1Ke go ikanisa fa pele ga Modimo le fa pele ga Keresete Jesu yo o tla atlholang baphedi le baswi, le ka ponatshego ya gagwe le ka puso ya gagwe, ke re:

2Rera Lefoko o nne yo o ipaakantseng ka nako e e leng yona le e e seng yona; supa molato, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka thuto;

3gonne go tla tla sebaka se ba tla ganang thuto e e itekanetseng ka sona; mme ba tla ikgobokanyetsa baruti ka fa dikgatlhegong tsa bona ba ba ba tlakisang ditsebe.

4Ba tla iphaposa ditsebe mo boammaaruring, ba fapogela dinaaneng.

5Mme wena, o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele dipogiso, o dire tiro ya moreri wa Efangele, o fetse tirelo ya gago ka botlalo.

Paulo o leba bokhutlo jwa gagwe. O ipiletsa Timotheo. Kitsiso ka ga batho ba bangwe

6Nna ke setse ke tla dirwa setlhabelo, nako ya me ya go swa e fitlhile.

7Ke tlhabanye tlhabano e e molemo, ke weditse tshiano, ke bolokile tumelo.

8Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe.

9Itlhaganele go tla kwano go nna ka bonako;

10gonne Demase o ntlogetse, ka a ratile lefatshe leno, o ile kwa Thesalonika. Keresekese o ile kwa Galatia, Tito o ile kwa Dalematia.

11Ke Luka fela yo ke nang nae. Tsaya Mareko, o be o tle nae; gonne o tla nthusa thata mo tirelong.

12Tigiko ene ke mo rometse kwa Efeso.

13Kobo e ke e tlogetseng mo go Karepo kwa Teroase, e re o tla, o e ntlele, le dikwalo, bogolo tsa matlalo.

14Aleksantere wa mothudi o ntiretse bosula jo bogolo; Morena o tla mmusetsa ka fa ditirong tsa gagwe.

15Le wena, o itise mo go ene; gonne o ganeditse mafoko a rona thata.

16Mo boikarabelong jwa ntlha jwa me ga go a ka ga ema ope le nna, ba ntshabetse botlhe; a ba se ka ba bonwa molato ka ntlha ya moo.

17Mme Morena ene o ne a ema le nna, a nthatafatsa gore ke tle ke rere Efangele go ya bokhutlong, mme baheitane botlhe ba utlwe; ka ba ka gololwa mo leganong la tau.

18Morena o tla nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, a mpholosa, a nkisa mo pusong ya gagwe ya legodimo. A kgalalelo e nne ya gagwe go ya bosakhutleng! Amen.

Tumediso

19Dumedisa Periseka le Akwila le ba lapa la ga Onesiforo.

20Eraseto o setse kwa Korinthe, Terofimo ke mo tlogetse kwa Mileto a lwala.

21Itlhaganele go tla, mariga a ise a tsene.

Eubulo a re, o dumele; le Putese le Leno le Kelaudia le bakaulengwe botlhe ba a go dumedisa.

22A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago; a bopelotlhomogi bo nne le lona!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help