DIPESALEME 21 - Setswana 1970(TSW70)

Tebogo ya phenyo

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 Morena,

kgosi e itumelela thata ya gago,

e dudueletsa thuso ya gago

bogolo jang ne!

3O e neile

se pelo ya yona e se eletsang;

ga o a ka wa gana kopo

ya molomo wa yona. Sela.

4Gonne o ne wa e kgatlhantsha

ka ditshegofatso tsa molemo,

wa e rwesa tlhogo

ka serwalo sa gouta e ntlentle.

5E kopile bophelo mo go wena,

o bo e neile,

botshelo jo boleele ka gale

le ka bosakhutleng.

6Tlotlo ya yona e kgolo

ka thuso ya gago;

o beile tlotlo le borena mo go yona.

7Gonne o e beile go nna lesego

le legolo thata ka bosakhutleng,

wa e itumedisa ka boitumelo

fa pele ga gago.

8Gonne kgosi e ikanya Morena;

mme ka bopelotlhomogi

jwa Mogodimodimo

ga e kitla e theekela.

9Letsogo la gago le tla fitlha

kwa babeng botlhe ba gago;

letsogo le le jang

le tla tshwara ba ba go tlhoileng.

10O tla ba direla

jaaka pesetso ya molelo,

mogang o ipontshang.

Morena o tla ba metsa

mo bogaleng jwa gagwe,

molelo o tla ba nyeletsa.

11Leungo la bona o tla le nyeletsa,

o le tlosa mo lefatsheng,

le losika lwa bona

mo baneng ba batho.

12Ba ne ba go gopoletse bosula,

ba go logetse maano,

mme ba sa nonofa go a dirafatsa.

13O tla ba hularisa ka go lebisa

dithapo tsa bora jwa gago

kwa difatlhegong tsa bona.

14 Morena,

nanoga o bonale ka thata ya gago;

mme re tla opelela

bonatla jwa gago, re bo baka.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help