DIPESALEME 139 - Setswana 1970(TSW70)

Kitso yotlhe ya Modimo

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

Morena, o a ntlhotlhomisa,

o a nkitse.

2O itse go nna ga me

le go nanoga ga me;

o tlhaloganya maikaelelo a me

o le kgakala.

3O sekaseka go tsamaya ga me

le go lala ga me;

mme ditsela tsotlhe tsa me

o a di ela tlhoko.

4Gonne ga go na lefoko lepe

mo lolemeng lwa me

le, wena Morena,

o sa le tlhaloganyeng gotlhe.

5O ntikanyeditse kwa morago

le kwa pele,

o beile seatla sa gago mo go nna.

6Kitso e, ke a e gakgamalela,

e a mpalela;

e kwa godimo, ke retelelwa

ke go fitlha kwa go yona.

7Nka ya kae go efoga

mo Moweng wa gago,

sefatlhego sa gago

nka se tshabela kae?

8Fa nka tlhatlogela kwa legodimong,

o tla bo o le teng;

fa nka ntsha felo ga baswi

bolao jwa me,

bona, o tla bo o le gona.

9Fa nka tsaya diphuka tsa mahube,

ka ya go aga kwa bokhutlong

jwa lewatle,

10le koo seatla sa gago se tla nkgoga,

seatla se se jang sa gago

se ntshwara.

11Le fa nka re: “A lefifi le mpipe,

a lesedi le le ntikanyeditseng

le nne lentsho tikologong ya me,”

12foo le lefifi ga le nke le nna lefifi

mo go wena,

le bosigo bo tla galalela

jaaka motshegare,

lefifi le tshwana le lesedi.

13Gonne o dirile diphilo tsa me,

wa mpopa

ke le mo mmeleng wa ga mme.

14Ke a go leboga,

ka ke dirilwe ka kgakgamatso

e e gaisang;

di a gakgamatsa, ditiro tsa gago,

mme mowa wa me

o itse sentle jalo.

15Marapo a me

a ne a sa go fitlhegela,

motlheng o ke dirilweng ka ona

mo bosaitsiweng,

ke logiwa sentle

mo botennye jwa lefatshe.

16Matlho a gago a mponye

ke simolola go utlwelelwa;

mme malatsi a me

a a sa leng a rulaganngwa

go ise go nne lepe la ona,

a kwadilwe otlhe

mo lokwalong lwa gago.

17Modimo, mo go nna

megopolo ya gago e ratega jang!

Palo ya yona e kana kang!

18Fa ke re, ke a e bala,

ke fitlhele e feta motlhaba.

Fa ke thanya,

ke fitlhele ke sa ntse ke na nao.

19Modimo, bolaya tlhe moikepi!

Lona banna ba polao, ntlogelang.

20Ke ba ba go rukhutlhegelang

ka boferefere,

ba bolela leina la gago

ka go sa tshwanelang.

21 Morena, a ga ke na go tlhoa bone

ba ba go tlhoileng,

le go tenwa ke ba ba go tsogelang?

22Ke ba tlhoile ka letlhoo

le le tletseng,

ba mphetogetse baba.

23Nkeleke, Modimo,

o itse pelo ya me;

nteke, o itse megopolo ya me,

24mme o bone,

fa ke le mo tseleng e e bosula,

mme o nkgogele

mo tseleng ya bosakhutleng!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help