DIPESALEME 66 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa pako morago ga dipogiso

1Sefela sa pako se se kwaletsweng moopedisi.

Dudueletsang Modimo,

lona ba lefatshe lotlhe.

2Opelelang kgalalelo ya leina la ona;

galaletsang pako ya ona.

3Rayang Modimo lo re:

“Ditiro tsa gago

di tlotlometse jang ne!

Baba ba gago ba tla go tlakisa

ka ntlha ya bogolo

jwa thata ya gago.

4A ba lefatshe lotlhe ba go obamele,

ba go opelele,

ba opelele leina la gago pako.”

Sela.

5Tlayang, lo lebe ditiro tsa Modimo;

o boitshega ka ditiro

mo baneng ba batho.

6O fetotse lewatle komelelo;

ba kgabagantse noka ka dinao;

foo ra o itumelela.

7O busa ka gale ka thata ya ona;

matlho a ona a lebile merafe;

baganetsi ga ba na go o tsogela.

Sela.

8Galaletsang Modimo wa rona,

lona merafe!

Lo utlwatse lentswe le le o bakang;

9o o nayang mewa ya rona bophelo,

o sa leseletse dinao tsa rona

go theekela;

10gonne wena, Modimo, o re lekile,

wa re itshekisa,

jaaka go itshekisiwa selefera.

11O re tsentse mo letloeng,

wa baya morwalo o o imelang

mo dinokeng tsa rona.

12Wa lesa bapalami

ba re gata ditlhogo;

ra tsena mo molelong

le mo metsing;

mme o re ntsheditse

kwa go leng letlotlo.

13Ke tla tsena mo Ntlong ya gago

ka ditlhabelo tsa phiso;

ke tla go dirafaletsa maikano a me

14a loleme lwa me lo a boletseng,

a molomo wa me o a buileng,

ke le mo tlalelong.

15Ke tla go tsisetsa ditlhabelo tsa

phiso tsa dinku tse di nonneng,

di na le musi wa ditlhabelo

tsa diphelehu;

ke tla go direla ka dikgomo

le diphoko. Sela.

16Tlayang, lo reetse,

lona lotlhe ba lo boifang Modimo;

ke tla bolela se o se diretseng

mowa wa me.

17Ke goetse kwa go ona ka molomo;

pako e mo lolemeng lwa me.

18Fa nka bo ke akantse boikepo

ka pelo ya me,

Morena a ka bo a sa utlwa.

19Mme ruri, Modimo o nkutlwile,

wa tlhokomela lentswe

la thapelo ya me.

20A go bakwe Modimo

o o se kang wa latlha

thapelo ya me,

le e seng go ntima

bopelotlhomogi jwa ona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help