DIPESALEME 92 - Setswana 1970(TSW70)

Loboko lwa go baka tshiamo ya Modimo

1Pesalome. Sefela sa letsatsi la Sabata.

2Go monate go leboga Morena

le go opelela leina la gago dipako,

Mogodimodimo,

3go bolela bopelotlhomogi jwa gago

mo mosong

le boikanyo jwa gago bosigo,

4ka kwadi ya dithapo di le some

le ka harepa le ka melodi

ya segwana.

5Gonne wena Morena

o intumedisitse

ka go dira ga gago;

ke duduetsa ditiro

tsa diatla tsa gago.

6Ditiro tsa gago, Morena,

di dikgolo jang!

Dikakanyo tsa gago di botengteng.

7Seeleele ga se di lemoge,

lesilo ga le di tlhaloganye.

8Fa baikepi ba gola sentle

jaaka bojang,

mme badirabosula

botlhe ba kgaba jaaka dithunya,

e a be e le gore ba nyelediwe

ka bosakhutleng.

9Mme wena Morena

o Mogodimodimo ka

bosakhutleng.

10Gonne ruri, baba ba gago,

Morena,

ruri baba ba gago ba tla latlhega,

basulatsi botlhe ba tla faladiwa.

11Lonaka lwa me o lo tsholetsa

jaaka lwa nare,

o ntloditse lookwane lo lošwa.

12Leitlho la me le tla leba

baba ba me ka kgatlhego,

ditsebe tsa me di tla utlwela

tatlhego ya basenyi

ba ba ntsogelang ka boitumelo.

13Mosiami o tla tlhoga jaaka

mokolane a gole jaaka setlhare

sa mosetere wa Lebanone;

14ba ba tlhomilweng mo Ntlong ya

Morena

ba tla tlhoga mo malapeng a

Modimo wa rona.

15Ba tla nna ba ungwa

le mo botsofeng;

ba tla nona, ba nna banana,

16e le go bolela gore Morena

ke wa nnete.

Ke lefika la me;

ga go tshiamololo epe mo go ena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help