SEFELA SA DIFELA 6 - Setswana 1970(TSW70)

Basadi

1Morati wa gago o ile kae,

wena yo montlentle basading?

Morati wa gago o ile ntlha efe

gore re mo go batlise?

Mosadi

2Morati wa me o fologetse

kwa tshimong ya gagwe

kwa ditemanyaneng

tsa makga a a monate;

a ya go fula maungo kwa masimo

le go kgetla dithunya.

3Nna ke wa morati wa me;

morati wa me ke wa me;

ene yo o leng modisa

mo gare ga dithunya.

Sefela sa botlhano Monna

4Moratiwa wa me, wena o montle

jaaka motse wa Thiresa;

o ratega jaaka Jerusalema;

o boitshega jaaka mophato

wa batlhabani

ba ba tshotseng sefoka.

5Thibosa matlho a gago

mo go nna,

gonne a a ntshosa.

Moriri wa gago o tshwana

le letsomane la dipodi

tse di fologang

mo dithabeng tsa Gileate.

6Meno a gago a tshwana

le letsomane

la dinku tse dinamagadi

tse di tswang go tlhapisiwa;

tse nngwe le nngwe ya tsona

e nang le dikwana tsa mafatlha,

go se na moreba ope.

7Marama a gago

mo teng ga lesire la gago

a tshwana le maungo a garanata

a a fatotsweng.

8Go na le bahumagadi ba le 60

le bagadingwana ba le 80

le makgarebe a a se nang palo.

9Fela yo e leng leeba la me

le moitekanedi wa me

ke a le mongwe fela.

Ke yo o esi wa ga mmaagwe,

ke yo o itshekileng

wa yo o mmelegeng.

E a re fa basetsana ba mmona

ba re, o tlhogonolo;

bahumagadi le bagadingwana

ba mmoke.

10Ke mang yo o okomelang

jaaka mahube,

a le montle jaaka ngwedi,

a le phepa jaaka letsatsi,

a boitshega jaaka mophato

wa batlhabani

ba ba tshotseng sefoka?

11Ke ne ka fologela kwa tshimong

ya dikgeru,

ka ya go itumelela ditlhatshana

tse ditala tsa molapo;

ka ya go bona gore

a setlhare sa moweine se tlhogile,

a sa garanata se a thunya?

12Ke ne ke sa lemoge gore

keletso ya me

e nkisa kwa dikoloing

tsa batho ba motlotlegi.

Basadi

13Boa, boa, wena wa kwa Suleme;

boa, boa gore re go itumelele.

Mosadi

Lo itumelela eng mo

mosetsaneng wa kwa Suleme?

O tshwana le go bina

ga baengele kwa Mahanaime.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help