DIPESALEME 137 - Setswana 1970(TSW70)

Kwa dinokeng tsa Babele

1Re ne re dutse fa dinokeng

tsa Babele,

ra ba ra lela, fa re gopola Sione.

2Re ne re pega diharepa tsa rona

mo megokareng ya teng.

3Gonne ke teng kwa batshwari

ba rona ba neng ba batla mafoko

a sefela mo go rona gona;

ba ba re thopileng ba senka

boitumelo mo go rona ba re:

“Re opeleleng sefela sengwe

sa Sione.”

4Kana re ne re ka opela

sefela sa Morena jang,

re le mo nageng e sele!

5Fa nka go lebala, wena Jerusalema,

a seatla sa me se se jang se lebale

tiro ya sona.

6A loleme lwa me lo kgomarele

magalapa a me, fa ke sa go gopole,

fa ke sa itumelele Jerusalema

bogolo go dilo tsotlhe!

7 Morena, gopola Baetomo,

ba ka letsatsi la Jerusalema

ba rileng:

“Mo rutleng, mo phomeng

go fitlha mo motheong!”

8Morwadi Babele, wena mogateledi,

go sego yo o tla go busetsang

ditiro tsa gago tse o di re diretseng!

9Go sego ena yo o tla phamolang

masea a gago,

a a thubaganya mo lefikeng!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help