DIPESALEME 110 - Setswana 1970(TSW70)

Kgosi e e leng moperesiti

1Pesalome ya ga Dafita.

Morena o ne a raya

Morena wa me a re:

“Dula fa letsogong la me le le jang

go ya ke be ke dire baba ba gago

sebeo sa dinao tsa gago.”

2Thobane-ya-bogosi

ya thata ya gago,

Morena o tla e otlolola

a le mo go Sione a re:

“Busa mo gare ga baba ba gago.”

3Ka letsatsi la pololo ya gago

batho ba gago ba tla tla

ka bopelotshweu,

ba apere mekgabo ya boitshepo.

Mophato wa makau o tla tla

kwa go wena,

jaaka monyo o tsalwa ke mahube.

4 Morena o ikanne –

mme ga a kitla a dirolola ikano –

a re:

“O Moperesiti ka bosakhutleng

ka fa mokgweng

wa ga Melegi-Seteke.”

5Morena yo o fa letsogong le le jang

la gago

o tla thubakanya dikgosi

ka letsatsi la bogale jwa gagwe.

6O tla atlhola mo ditšhabeng,

go tlala direpa,

a thubakanya tlhogo

e e okameng lefatshe le legolo.

7O tla nwa mo nokaneng,

a le mo tseleng,

mme ka ntlha ya moo

o tla tsholetsa tlhogo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help