MORERI 5 - Setswana 1970(TSW70)

Se dire ditsholofetso ka bonako

1Disa dinao tsa gago, fa o ya kwa Ntlong ya Modimo! Kana go atamela go reetsa go phala ditlhabelo tsa masilo. Gonne ga a itse sepe fa e se go dira bosula fela.

2Ikakanye o ise o bue; a pelo ya gago e se ka ya itlhaganela go ntsha lefoko fa pele ga Modimo. Gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng. Ke gona he, a mafoko a gago a se nne mantsi.

3Gonne toro e tla ka matshwenyego a mantsi; lentswe la seeleele le utlwala ka mafoko a mantsi.

4Fa o ikanela Modimo maikano, se diege go a dirafatsa; gonne Modimo ga o kgatlhwe ke masilo. Dira se o se ikanetseng.

5Yo o sa ipofeng ka maikano o phala yo o ipofang ka maikano, mme a sa a dirafatse.

6O se ka wa itsenya mo molatong ka molomo wa gago! Se bue fa pele ga morongwi wa Modimo wa re: “Ke fositse!” O biletsang Modimo gore o galefele lentswe la gago le go senya tiro ya diatla tsa gago?

7Gonne ditoro tse dintsi le mafoko a mantsi di na le maithamako a magolo. Mme wena, boifa Modimo.

Lefelafela la tsa bophelo

8Fa o bona mohumanegi a gatelelwa, mme tshiamo le molao di tlosiwa mo nageng, se gakgamale. Gonne morena yo mogolo o disa yo mmotlana, mme Modimo o mogolo bogolo, o ba okametse botlhe.

9Thuso ya lefatshe ka metlha ke fa kgosi e tlhokomela masimo.

10Yo o ratang selefera ga a nke a kgora selefera, yo o ratang letlotlo o tla galala tse a di bonang. Le selo se ke boithamako fela.

11Fa khumo e ata, go ata le baji ba yona. Jaanong e thusa mong wa yona eng, fa e se go e leba fela ka matlho?

12Boroko jwa modiri bo monate, le fa a ja tse dipotlana gongwe tse dintsi, mme letlotlo la mohumi le a mo tlhobaetsa.

13Go na le bosula jo bo boitshegang jo ke bo bonyeng fa tlase ga letsatsi, ke khumo e mong wa yona o e bolokelang tatlhego ya gagwe.

14Mme fa khumo eo e mo latlhegela ka kotsi, ngwana yo a mo tsetseng o tla sala a se na sepe.

15Motho o dule mo mmeleng wa ga mmaagwe a sa ikatega, e bile o tla tloga jaaka a tlile. Ga a nke a tsaya sepe sa tse o di itiretseng ka matsapa, se a ka tsamayang ka sona.

16Le selo se ke bosula jo bo botlhoko, fa a na le go tloga a tshwana fela le jaaka fa a ne a tla. Jaanong go mo thusa eng, fa a itapiseditse phefo fela?

17Le gona ka malatsi otlhe a gagwe o ne a ntse a le mo lefifing le mo khutsafalong le mo matshwenyegong a mantsi le mo bolwetseng le mo kgalefong.

18Bonang, se ke se bonyeng se le molemo, se le sentle ke fa motho a ja, a nwa, a phela monate mo matsapeng aotlhe a o itapisang ka ona fa tlase ga letsatsi ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng, gonne ke yona kabelo ya gagwe.

19Le gona ke neo ya Modimo mo mothong mongwe le mongwe, fa Modimo o mo naya khumo le matlotlo, o bo o mo dumelela go di ja le go tsaya kabelo ya gagwe le go itumelela tse a di itapisetsang.

20Ee, yo o ntseng jalo ga a tshwenyegele malatsi a bophelo jwa gagwe; gonne Modimo o mo phedisa a le mo boitumelong jwa pelo ya gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help