DIPESALEME 142 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo mo pogisong e e thata

1Sefela sa thuto sa ga Dafita, fa a ne a le mo logageng. Thapelo.

2Ke goela Moreneng

ke tlhatlositse lentswe;

ke lelela boitshwarelo

mo Moreneng

ke tsholeditse lentswe.

3Ke tshololela selelo sa me

fa pele ga gagwe,

ke bega tlalelo ya me

fa pele ga gagwe.

4Fa ke nyema moko,

wena o itse tsela ya me.

Ba mpeetse serai mo tseleng

e ke tshwanetseng go e tsamaya.

5Ke lebile ntlheng ya letsogo

le le jang,

ke fitlhela go se na ope

yo o nkitseng;

botshabelo jwa me bo ile;

ga go ope yo o mpotsang bophelo.

6Ke goela kwa go wena, Morena,

ke re:

“Ke wena botshabelo jwa me

le kabelo ya me

mo lefatsheng la baphedi.”

7Ela selelo sa me tlhoko;

gonne ke koafetse segolo;

nkgolole mo babogising ba me;

gonne ba mpheta ka thata.

8Nntshe mo kgolegong

gore ke galaletse leina la gago.

Basiami ba tla ntikanyetsa,

fa o ntirela molemo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help