DIANE 19 - Setswana 1970(TSW70)

1Mohumanegi yo o sepelang mo poifong-Modimo o molemo bogolo go yo o molomo o bolotsana yo e leng lesilo.

2Le keletso e e se nang kitso ga e molemo, le yo o itlhaganelang ka dinao o tla timela.

3Boeleele jwa motho bo sokamisa tsela ya gagwe, mme pelo ya gagwe e ngongoregele Morena.

4Khumo e okeletsa motho ditsala tse dintsi, mme yo mmotlana o tlogelwa ke tsala ya gagwe.

5Mosupi yo e seng wa nnete ga a nke a tlhoka petso; yo o buang maaka ga a nke a falola.

6Ba bantsi ba batla go kgatlha motlotlegi; yo o ntshang dineo mongwe le mongwe ke tsala ya gagwe.

7Bomorwa-rraagwe mohumanegi ba mo tlhoa botlhe; ditsala tsa gagwe di mo katogile bogolo go bone; o ba tlhaeletsa kwa morago, mme ga ba tle.

8Yo o ithutang o rata bophelo jwa gagwe; yo o bolokang kelelelo o tla bona tse di molemo.

9Mosupi wa maaka ga a nke a tlhoka petso; yo o buang tse e seng tsona o tla latlhega.

10Go phela sentle go rona lesilo; go rona bogolo jang, fa motlhanka a ka laola barena.

11Botlhale jwa motho bo mo dira pelotelele; ke tlotlo ya gagwe, fa a itshwarela maleo.

12Kgakalo ya kgosi e tshwana le go bôpa ga tawana; mme bopelontle jwa yona bo ntse jaaka monyo mo dijwalong.

13Mosimane yo o boeleele ke tshenyegelo ya ga rraagwe; mme go omana ga mosadi ke thulelo e e ntseng e na ka gale.

14Ntlo le dithoto ke boswa jwa borraabatho; mme mosadi yo o maatlametlo o tswa mo Moreneng.

15Botlapa bo a thulametsa; mme yo o itunnang o tla bolawa ke tlala.

16Yo o tshegetsang taolo ya Modimo o a ipoloka; mme yo o nyatsang ditsela tsa ona o tla swa.

17Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adima Morena; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe.

18Otla morwao, tsholofelo ya tlhabologo e ntse e le teng, mme o se ka wa mo neela mo go bolaweng.

19Yo o galefang thata o na le go lefisiwa; fa o mo golola, o tla etegela, a senyetsa pele.

20Utlwa kgakololo o amogele kgalemelo gore o tle o nne yo o tlhalefileng mo metlheng e e tlang.

21Pelo ya motho e loga maano a mantsi; mme maikaelelo a Morena ke ona a a tla dirafalang.

22Khumo e ntle ya motho ke boikanyego jwa gagwe; mohumanegi o molemo bogolo go moaki.

23Go boifa Morena go isa bophelong; motho yo o ntseng jalo o tla kgora, a lala a sa tlelwe ke bosula bope.

24Motlapa o tsenya seatla mo mogopong, mme a palelwa ke go se isa kwa molomong.

25Yo o sa tlhalefang o tla tlhalefa, fa o otla mosotli; fa motlhalefi a kgalemelwa, o tla tlhaloganya kitso.

26Yo o gatelelang rraagwe, a leleka mmaagwe, ke ngwana yo o tlhabisang ditlhong yo o nyatsegang.

27Morwaaka, bogolo khutlela thuto, ka o ntse o fapoga mo mafokong a kitso.

28Mosupi wa sekebeke o sotla tshiamo; melomo ya baikepi e natefelwa ke tsietso.

29Petso ya dikatlholo e baakanyeditswe basotli le dikotlo di baakanyeditswe metlhana ya masilo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help