DIPESALEME 118 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa tebogo sa go opelwa ke bontsi mo moletlong

1Lebogang Morena,

gonne o molemo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

2A Iseraele a bue a re:

“Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.”

3A boora Arone ba bue ba re:

“Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.”

4A ba ba boifang Morena

ba bue ba re:

“Ee, bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.”

5Ke ne ka bitsa Morena

ke le mo pitlaganong;

Morena a nkaraba,

a mpaya mo go atlhameng.

6 Morena o ntlheng ya me,

ga nkitla ke boifa;

kana motho a ka ntirang?

7 Morena o ntlheng ya me,

ke mothusi wa me;

mme nna ba ba ntlhoileng

ke tla ba tlhaetsa matlho.

8Go nna mo tshireletsong

ya Morena

go gaisa go ikanya batho.

9Go nna mo tshireletsong

ya Morena

go gaisa go ikanya batlotlegi.

10Baheitane botlhe

ba ne ba ntsentse gare;

mme ke ba remagantse

ka leina la Morena.

11Ba ne ba mpotile ntlheng tsotlhe;

ee, ba ntikanyeditse;

mme ke ba remagantse

ka leina la Morena.

12Ba ne ba ntikanyeditse

jaaka dintsi tsa dinotshe,

ba tuka jaaka molelo wa mitlwa;

mme ke ba remagantse

ka leina la Morena.

13Ke ne ka kgaramediwa thata

gore ke we,

mme Morena a nthusa.

14 Morena ke thata ya me

le sefela sa me sa pako,

o diregile pholoso ya me.

15Lentswe la tuduetso le la pholoso

le mo matlong a basiami.

“Letsogo la Morena le le jang

le dira ditiro tsa bonatla.

16Letsogo la Morena le le jang

le a godisa;

letsogo la Morena le le jang

le dira ditiro tsa bonatla.”

17Ga ke ne ke swa, mme ke tla phela,

ke bolela ditiro tsa Morena.

18 Morena o nkwatlhaile segolo,

mme ga a ka a nneela mo losong.

19Mpuleleng dikgoro tsa tshiamo,

ke tle ke tsene ka tsona,

ke leboge Morena.

20Kgoro ya Morena ke e;

basiami ba tla tsena ka yona.

21Ke tla go leboga,

ka gonne o nkutlwile,

wa nna pholoso ya me.

22Lentswe le le latlhilweng ke baagi

le diregile letlapa la sekhutlo.

23Se ke se se dirilweng ke Morena;

mme ke kgakgamatso mo matlhong

a rona.

24Letsatsi le,

ke le le dirilweng ke Morena;

a re ipeleng, re itumele ka lone.

25Ao Morena, a ko o thuse!

Ao Morena, a ko o tsweletse pele!

26A go bakwe yo o tlang

ka leina la Morena;

re lo tshegofatsa,

re le mo Ntlong ya Morena.

27 Morena ke Modimo,

mme o re neile lesedi.

Bofang seruiwa sa tlhabelo

ya moletlo

ka dikgole gore se fitlhe

fa dinakeng tsa aletare.

28O Modimo wa me, ke tla go baka;

o Modimo wa me, ke tla go godisa.

29Lebogang Morena,

gonne o molemo;

le bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help