DIPESALEME 40 - Setswana 1970(TSW70)

Go sego motho yo o ikanyang Morena

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2Ke lebeletse Morena

ka tlhologelelo;

mme a itshekamisetsa go nna,

a nkutlwa ke goela thuso.

3A ntshwatola

mo moleteng wa tshenyego,

mo maragarageng a seretse,

a tlhoma dinao tsa me mo lefikeng,

a tlhomamisa dikgato tsa me.

4O ntsentse sefela se sešwa

mo molomong,

sefela sa go baka Modimo wa rona.

Bantsi ba a bona, ba a boifa,

ba ikanya Morena.

5Go sego monna yo o ikanyang

Morena,

a sa fapogele kwa baikgantshing

le kwa baikeping ba maaka.

6O re diretse dilo di le dintsi,

Morena, Modimo wa me,

dikgakgamatso tsa gago le

megopolo ya gago;

ga go yo o ka tshwantshiwang

le wena.

Fa nka rata go di itsise

le go di bolela,

go ka feta mo nka balang.

7Ga o kgatlhwe ke setlhabelo

le tshupelo.

O nthibolotse ditsebe.

Ga o batle setlhabelo sa phiso,

le fa e le sa boleo.

8Foo ke ne ka re: “Bona, ke e tla,

go kwadilwe ka ga me

mo lokwalong.

9Ke kgatlhwa ke go dira

tse di go natefelang,

Modimo wa me;

molao wa gago o mo teng ga me.”

10Ke boletse pholoso ya gago

ka boitumelo

mo phuthegong e kgolo.

Bona, ga nka ke

ka itshwara molomo,

go itse wena, Morena.

11Ga ke fitlhe tshiamo ya gago

mo teng ga pelo ya me.

Ke bolela boikanyego jwa gago

le pholoso ya gago.

Phuthego e kgolo ga ke e lobele

bopelotlhomogi jwa gago

le boammaaruri jwa gago.

12Wena Morena,

ga o kitla o ntlhokisa

kutlwelo-botlhoko ya gago.

Bopelotlhomogi jwa gago

le boammaaruri jwa gago

di tla mpoloka ka gale.

13Gonne masula a a se nang palo

a ntsentse gare;

melato ya me e ntshwere,

ke tshaba go e leba;

e feta dithiri tsa tlhogo ya me,

pelo ya me e ntlogetse.

14 Morena, a o ko o kgatlhwe

ke go nkgolola;

Morena,

a o ko o itlhaganele go nthusa.

15Botlhe ba ba batlang

bophelo jwa me go bo senya

a ba tlhajwe ke ditlhong,

ba sosobane mmogo.

Ba ba itumelelang tlalelo ya me

a ba kate ka morago,

ba tlhajwe ke kgala.

16Ba ba nthayang ba re:

“Ahee, ahee!”

a ba rerege

ka ntlha ya ditlhong tsa bona.

17Botlhe ba ba go batlang

a ba go itumelele, ba ipele;

ba ba ratang pholoso ya gago

a ba bue ka gale ba re:

“Morena o mogolo.”

18Le fa nna ke le mmogisegi

le mohumanegi,

Morena o tla ntlamela.

Ke wena thuso ya me

le mogolodi wa me.

Modimo wa me, se diege.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help