DIPESALEME 106 - Setswana 1970(TSW70)

Boikanyo jwa Modimo le boikanyologo jwa Baiseraele

1Haleluya! Lebogang

Morena, gonne o molemo;

gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

ke jo bo sa khutleng.

2Ke mang yo o ka bolelang

ditiro tsa bonatla tsa Morena,

a utlwatsa poko ya gagwe yotlhe?

3Go tlhogonolo

ba ba tlhokomelang molao,

ba ba dirang tse di siameng

ka metlha yotlhe.

4Nkgopole, Morena,

ka o kgatlhwa ke morafe wa gago;

nketele ka thuso ya gago

5gore ke jese matlho ka go leba

letlhogonolo

la baitlhaolelwi ba gago,

ke be ke thabele boitumelo

jwa setšhaba sa gago

le go belafala mmogo le boswa

jwa gago.

6Re leofile mmogo le borraarona,

ra siamolola, ra ikepa.

7Borraarona ba ne ba sa tlhokomele

dikgakgamatso tsa gago,

ba sa gopole bogolo

jwa bopelotlhomogi jwa gago,

mme ba rukhutlhegela

Mogodimodimo

kwa Lewatleng la Motlhaka.

8Mme o ne a ba thusa

ka ntlha ya leina la gagwe

gore a supe bonatla jwa gagwe.

9A kgalemela Lewatle la Motlhaka,

la ba la kgala;

a ba kgabagantsha merwalela

jaaka e kete ke sekaka.

10A ba namolela mo seatleng

sa yo o ba tlhoileng,

a ba golola mo seatleng sa mmaba.

11Metsi a khurumetsa

baganetsi ba bona,

ga se ka ga sala ope wa bona.

12Ya baa gona ba dumelang

mafoko a gagwe,

ba opela pako ya gagwe.

13Mme ba akofa ba lebala

ditiro tsa gagwe,

ba se ka ba letela taelo ya gagwe.

14Ba tlala keletso mo sekakeng,

ba raela Modimo

kwa nageng e e senya.

15Ke fa a ba naya

ka fa topong ya bona,

mme a tsenya tlhorego

mo meweng ya bona.

16Ba ne ba fufegela Moše

mo bothibelelong le Arone,

moitshepi wa Morena.

17Lefatshe la atlhama,

la metsa Dathane,

la khurumetsa setlhopha

sa ga Abirame.

18Ga tuka molelo

mo lekokong la bona,

kgabo ya fisa baikepi.

19Ba ne ba dira namane kwa Horebe,

ba obamela setshwantsho

se se bopilweng.

20Ba ananya Kgalalelo ya bona

ka setshwantsho sa kgomo

e e fulang bojang.

21Ba lebala Modimo,

mopholosi wa bona

o o dirileng dilo tse dikgolo

kwa Egepeto,

22tse di gakgamatsang

kwa lefatsheng la ga Hame

le tse di boitshegang

fa Lewatleng la Motlhaka.

23Ke fa o re, o tla ba nyeletsa.

Mme go ka bo go dirafetse jalo,

fa Moše, moitlhaolelwi wa ona,

a ka bo a se ka a ba emela

fa pele ga ona,

a tima bogale jwa ona

gore o se ka wa ba senya.

24Ba bile ba nyatsa lefatshe

le le eletsegang,

ba se ka ba dumela lefoko la ona;

25ba ngongorega

mo metlaaganeng ya bona,

ba se ka ba utlwa Morena.

26Ke fa a ba tsholeletsa letsogo,

a ikana gore o tla ba diga

mo sekakeng,

27le go falaletsa losika lwa bona

kwa ditšhabeng

le go ba phatlalatsa

mo mafatsheng.

28Ba ne ba ikgomaretsa

mo go Baale-Pheore,

ba ja tse di tlhabetsweng baswi,

29ba gakatsa Morena

ka ditiro tsa bona,

mme ba welwa ke petso.

30Ke fa Phinehase a nanoga,

a tsereganya,

mme petso ya khutlisiwa.

31Ke sona se a kailweng mosiami

ka ntlha ya sona

mo ditshikeng tsotlhe go ya go ile.

32Le gona ba mo gakatsa fa metsing

a Meriba,

Moše a ba a tlhagelwa ke molato

ka ntlha ya bona.

33Gonne ba ne ba ganetsanya

le Mowa wa ona,

mo Moše a bileng a bua

ka molomo

se se sa mo tshwanelang.

34Ga ba a ka ba nyeletsa merafe

e Morena a e ba kaetseng.

35Mme ba ne ba itlhakanya

le baheitane,

ba ithuta ditiro tsa bona.

36Ba direla medimo ya bona

ya diseto e e tlogileng

ya nna serai mo go bona.

37Ba tlhabela mewa e e bosula

bomorwaa-bone

le bomorwadia-bone.

38Ba tsholola madi

a a se nang molato, –

madi a bomorwaa-bone

le bomorwadia-bone,

ba ba tlhabela medimo ya diseto

ya Bakanana; –

lefatshe la itshepololwa jalo

ka polao eo.

39Ba ikgotlela ka ditiro tsa bona,

ba akafala ka go dira ga bona.

40Foo Morena a tukela morafe

wa gagwe bogale,

a tenwa ke boswa jwa gagwe.

41A ba neela mo diatleng

tsa merafe ya baheitane,

ba laolwa ke batlhoi ba bona.

42Baba ba bona ba ba gatelela,

mme ba na le go ikoba

fa tlase ga diatla tsa bona.

43O ne a ba thusa gantsi,

mme bona ba mo rukhutlhegela

ka maikaelelo a bona.

Ba nyelela jalo ka molato wa bona.

44Le fa go ntse jalo

o ne a ba tlhokomela

mo pitlaganong ya bona,

ka a utlwa dilelo tsa bona.

45A gopola kgolagano ya gagwe

ka ntlha ya bona,

a busa bogale,

ka a na le bopelontle jo bogolo.

46A dira gore ba tlhomogelwe pelo

ke botlhe

ba ba ba isitseng botshwarong.

47Re thuse, Morena,

Modimo wa rona,

o re phuthe,

o re golole mo baheitaneng

gore re bake leina la gago

le le boitshepo,

re ipoke ka go go tlotla.

48A go bakwe Morena,

Modimo wa Iseraele

go tswa bosenang-tshimologo

go ya bosakhutleng.

A morafe otlhe o re: “Amen!”

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help